Breaking News

Kisa o eme ka dinao go ipaakanyetsa boipuso

13 Sep 2016

Banni ba metse e e  farologaneng kwa kgaolong ya Kgalagadi ba tshwere ka natla mo dipaakanyong tsa boipuso jwa monongwaga.

Seo se rurifaditswe ke Kgosi Matshidiso Babeile  wa Kisa  mo kgaolong eo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo (lesome le bobedi).  

Kgosi Babeile o ne a tlhalosa  fa  dipaakanyo tsa boipuso tsa go kgabisa kgotla  di sa le di   tlhagoletswe  tsela ke loeto lwa  ga Tautona fa a ne a etetse motse oo ka kgwedi ya Moranang

Kgosi Babeile o boletse fa  morafe wa gagwe o tsweletse sentle ka go  tshwaragana, ba  nna seopo sengwe le gone go  dira ka natla ka  mongwe le mongwe a tsentse letsogo ka mowa o le mongwe fela wa boithaopo le go ipelega ba direla motse wa bone. 

O boletse fa gareng ga  dipaakanyo tsa motse wa bone, sengwe sa tse di kgatlhang thata e bile se le pharaloganyo e le  sethwantsho se ba se dirileng  sa dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa ga mmamosadinyana.

A re setshwantsho seo sa dikgosi  tse tharo  ba tlaa bo ba ipelela boipuso  ka sone le gore   gape  e tlaa nna segopotso le thuto mo baneng ba dikole  le dikokomane tse di tlaa tlang mo motseng  oo.

O kaile fa ba kgobokantse  madi a ba tlaa  ipelang ka one ka go tshwara maitiso le tse dingwe le gore ba dumalane le morafe wa gagwe gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka go  ithaopa ba  koleka ka dijo le loruo tse e leng tsone ba tlaa kgonang gore di apeelwe morafe  mo malatsing a a tlaa ketekwang a boipuso.

Kgosi o kaile fa ba tlaa simolola go ipelela boipuso jwa monongwaga go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano go fitlha e le masome a mararo ka metshameko e e farolaganeng e akaretsa mabelo a bagolo le  bana, mabelo a ditonki le dipitse, moopelo,  dipina tsa ngwao tsa setapa  le tse dingwe.

Kgosi Babeile o supile fa botlhe ba ba tlaa fenyang mo metshamekong ka go farologana ba tlaa  atswiwa ka dimpho tse di farologanyeng e le tsela nngwe ya go ba itumedisa. Kgosi Babeile  o ne a garela ka go  leboga thata puso ka ditlhabololo tse di leng teng mo motseng wa gagwe mo nakong ya gompieno ga mmogo le one mananeo a a teng a a tokafaditseng matshelo a banni ba motse  wa gagwe  mo dingwageng tse di masome a matlhano fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KISA

Event : Potsolotso

Date : 13 Sep 2016