Banni ga ba dumalane le dikgosana
13 Sep 2016
Banni ba Radisele ba dumelane go tlosolosa phuthego e mo go yone ba neng ba tshwanetse go tlhopha maina a batho ba ba ka tlhongwang dikgosi tsa motse oo.
Tshwetso ya go tlosolosa phuthego e tserwe morago ga gore morafe o seka wa dumelana le mogopolo wa dikgosana wa go tlhoma kgosana ya Ramodela, Rre Shathane Mmereki go nna kgosi ya Radisele.
Le fa morafe o sa bolela maina a batho ba ba ka tlhongwang dikgosi tsa Radisele go kaba phatlha ya ga Kgosi Kakanyo Botoka yo o tlogetseng tiro morago ga go bona mahulo a matalana kwa Francistown le Kgosi Christian Ntebele yo o tlogelang tiro ka bogodi kgwedi eno e ya fifing, gone ba supile fa ba sa dumelane le ditshwetso tse di tserweng ke magosi a bone.
Ba re mo phuthegong e neng e busiwang ke kgosi Masego Olebile wa Palapaye bosheng, bane ba tlhalosetswa fa ba tshwanetse go tlhopha leina la motho yo ka tlhongwang kgosi le yo ka tlhongwang mothusa kgosi, mme ba bolela fa ba swabisitswe ke go bona magosi a tsere ditshwetso ba sa rerisana le morafe.
Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Moagi Modise, Rre Thogwana Ntlhompe, Mme Kobamo Kaisara le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, mmaetsho Boipuso Motsamai, ba re e re ka jaana bogosi jwa Radisele e se jo bo tsalelwang ba hakgamadiwa ke go bona magosana a dikgotlana tsa bone a itseela ditshwetso ba sa rerisana le morafe ka e le one o ka rarabololang kgang eo ka ditlhopho.
E ne e rile go le pele, Kgosi Ntebele a bolelela morafe fa a dumelane le dikgosana go tlhopha Rre Mmereki go nna kgosi ya Radisele ka jaana mo magosaneng a a leng teng go sena ope wa bone yo o ka tlhongwang kgosi ka jaana ba sa tsena sekole e bile ba sa itse go bala le go kwala.
Kgosi Ntebele o tsweletse ka go kopa morafe go tlhopha motho yo o nonofileng e bile a na le boikarabelo jwa go etelela setshaba gore ba seka ba boelela phoso e ba e dirileng ka nako ya ba tlhopha Rre Botoka go nna kgosi ya bone.
E rile kgosana ya Mmapetlwana, Rre Abraham Thuto a tswa la gagwe, a bolela fa ba tsere tshwetso ya go tlhopha leina la ga Rre Mmereki ka jaana e le dikgosana go sena ope mo go bone yo o nonofetseng go nna kgosi kana mothusa kgosi ntateng ya go tlhaela thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : RADISELE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Sep 2016






