Dikereke di rotloediwa go itsosa
13 Sep 2016
Mothusa kgosi kwa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, a re tiro ya kereke ga se go rera lefoko la Modimo fela, mme e tshwanetse go nna le seabe mo ditirong tsa motse.
E rile a bua kwa tirelong ya go simolodisa semmuso kgwedi ya thapelo kwa motseng oo ka Tshipi (Lwetse a le lesome le motso), Kgosi Puleng a supa matshwenyego a gore dikereke tsa motse oo di na le go ikgaphela ntle fa go tla mo go tshwareng ditiro tsa motse, a a fa sekai ka tiro e e sa tswang go feta ya go amogela molelo wa kgolagano mo motseng, a re dikereke di ne di sena seabe mo go yone.
Kgosi Puleng o supile fa go le botlhokwa gore dikereke di nne le seabe ka jaana tumelo e e senang ditiro e le moka e suleng.
O supile gape fa thamaga e supa fa go tlotla baeteledipele go le botlhokwa, mme a re ka jaana molelo wa kgolagano le kgwedi ya thapelo di rebotswe ke baeteledipele ba, go botlhokwa gore kereke e nne le seabe, ka go palelwa ke go dira jalo e tlaa bo e le go nyatsa Modimo ka sebele.
Kgosi Puleng o ne gape a supa fa go nna le seabe ga dikereke mo ditirong tsa motse go tlaa di dira gore di kgatlhegelwe ke batho mme di nne le maloko a mantsi. Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o ne a leboga dikereke tse di neng tsa kgona go nna le seabe mo tshimolodisong eo, a supa fa di dirisitse tshwanelo ya tsone e di e filweng ke babusi ba lefatshe leno.
Molomaganya ditirelo tsa twantsho mogare wa HIV le AIDS mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe o supile fa kgwedi ya merapelo ya Lwetse e simlogile ka ngwaga wa 1996 go rapela kgatlhanong le go anama ga mogare wa HIV le AIDS, mme a supa fa tse dingwe jaaka dikotsi le pula di ile tsa tsenngwa mo tsamaong ya nako.
O kgothaditse dikereke go tswelela di tshwere thapelo ka mashetla ka jaana dipalopalo di supa fa go sa ntse go na le koketsego ya mogare mo lefatsheng leno. A re ka ngwaga wa 2008, 17.1 per cent ya batho mo lefatsheng leno ba ne ba tshela ka mogare, dipalo tse a reng di ile tsa oketsega go ya go 18.5 per cent ka ngwaga wa 2013.
Rre Ntswetswe a re mo kgaolong ya Kweneg Bophirima, 10.3 per cent ya batho e ne e tshela ka mogare ka ngwaga wa 2008, mme mo nakong eno dipalo tseo di oketsegile go ya go 11.8 per cent.
A re seo se raya gore batho ba le 5 500 mo go ba ba 47 000 mo kgaolong ba tshela ka mogare, mme a re mo go 5 500 yoo, ba le 3 800 ba mo diritibatsing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Merapelo
Date : 13 Sep 2016






