Diphupu di tlaa fudusiwa
13 Sep 2016
Tshekatsheko ya ditsela tse di ralalang motse tse di dirwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo e supile fa go na le diphupu tse di lesome le bobedi tse di kgoreletsang go dirwa ga ditlhabololo tseo.
Mogolwane wa tsa ditshekatsheko kwa khamphaning e e sekasekang tiro eo, Archaeological Resources Management Services (ARMS), Mme Princess Modikwa, a re mo diphupung tseo, go tlaa fudusiwa di le borobabedi go ya go bolokwa gape kwa mabitleng a a farologaneng a motse, tse nne tsone di tlaa sirelediwa ka di kwa ntle ga tsela.
Mme Modikwa o ne a tlhalosetsa komiti e e rulaganyetsang tiro eo ya go epolola baswi bao e e akaretsang molaodi, maloko a komiti ya ditlhabologo tsa motse, dikgosi, makhanselara, mapodisi, ba boipelego le batsadi ba baswi bao kwa Tutume ka Mosupologo.
A re tiro eo e masisi ka jalo e batla go dirwa ka matsetseleko a matona le go bona gore batsadi ba ba amegang ba fiwa tshidilo maikutlo e e tseneletseng.
O ile a bolela fa puso e tlaa tsaya boikarabelo jotlhe jwa tiro ya go epolola baswi bao le phitlho, ka jalo a kopa tshwaragano le tirisanyo mmogo go bona gore tiro eo e e masisi e dirwa ka manontlhotlho le matsetseleko.
Mme Modikwa o boletse gore beke e e tlang e simolola, tiro ya go epolola e bo e simololwa, se a kaileng fa go tlaa tsaya dibeke tse pedi go dira tiro eo mme go tlaa nna le ditlhatlhobo tse di tlaa dirwang ke ngaka ya maitseanape a marapo pele fa go ka fitlhwa.
O ne a tlhalosa fa batsadi ba baswi bao e le ba ba tlhaloganyang ka ba ile ba amogela kopo ya go fudusa diphupu go sutela ditlhabololo tse di tlang kwa motseng.
Mogolwane mo lephateng la ditsela la khansele-potlana ya Tutume, Rre Tshepo Babeele a re togamaano ya tiro ya ditselana tsa Tutume e supile fa dingwe di ralala malwapa le diphupu, ka jalo tiro ya ntlha e ne e le go kopana ba le komiti go buisana ka go fudusa diphupu tseo mme morago ba tlaa rarabolola ya malwapa ka yone e se masisi jaaka ya go epolola baswi go ba boloka gape.
Rre Babeele a re togamaano eo e weditswe ka jalo go setse gore e rolelwe bagolwane ba kgaolo-potlana ya Tutume le setshaba.
A re tiro eo e ne e le go sekaseka togamaano e e neng ya dirwa ka 2008/9 mme lenaneo la seka la dirwa ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Uyapo Mafunye o ne a kopa batsadi ba ba amegang go rerisanya le bana ba bone ka tiro eo gore ba e tlhaloganye ba nne le seabe.
Rre Mafunye a re batho ba tshwanetse go nna moono o le mongwe go tila dikgang tse o fitlhelang batho ba tsoga ba gogagogana kwa dikgotla tshekelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phutego
Date : 13 Sep 2016






