Tona o kgothatsa banni go tsena diphuthego
13 Sep 2016
Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, o kopile banni ba Ghanzi go tsena diphuthego tsa kgotla ka gore merero ya ditlhabololo e dirwa koo.
Tona Molefhi o supile kgothatso eo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore le bone ba kgone go nna le seabe mo go diragatseng melao le ditogamaano.
Tona a re puso e tsere tshwetso ya gore maphata a itirele ditirelo tse dingwe jaaka go baakangwa ga dikago le dikoloi fa di senyegile lephata le tshwanetse go bona gore dikoloi tseo di baakanngwa jang.
Tona a re ka jalo maphata a tshwanetse go ikemela ka dinao go bona gore ditirelo tsa go nna jalo di baakangwa ka bofefo go na le go nna sebaka se se leele.
A re bontsi jwa maphata a tsaya lobaka go baakanya diofisi tsa bone fa di na le mathata.
Tona Molefhi o boleletse banni bao gore dipalo tsa bana ba ba dirang dithuto tsa maranyane di kwa tlase mo lefatsheng leno, ka jalo o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go dira dithuto tseo ka gore di botlhokwa fela thata.
A re bontsi jwa ditiro tsa maranyane di tlhokana le dikitso tse di tseneletseng. O ne gape a tlhalosetsa banni bao fa tiro ya lephata la gagwe e le go dira ditogamaano le go tsaya ditaelo mo maphateng a puso gore ba batla go oketsa diofisi kana go aga.
Tona o boleletse banni bao gore fa dikago tsa puso di agiwa go na le baitseanape ba e leng matlho a puso go lebelela gore dikago tseo di agiwa sentle. Mme puso e ne ya lemoga fa go na le bangwe ba ba sa direng tiro ya bone ka botlalo.
Tona Molefhi gape o gakolotse banni bao gore ba tshwanetse go dirisa megala ya letheka ka kelotlhoko ka gore e na le ditlamorago tse di sa siamang mo botsogong jwa batho.
A re fa ba bua le megala eo ga ba atshwanela go tsaya lobaka lo lo leele ba le mo mogaleng.
Tona o boleletse banni bao fa maranyane a a phonyeletsang (radiation) a tla ka ditsela tse di farologaneng ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela thata mo diphatseng gore ba seka ba amiwa ke ditlamorago tseo.
Tona o ne a kopa banni bao go tswa ka dingwe tsa ditlhare tse di neng di dirisiwa bogologolo go alafa batho, a re ditlhare tseo di ka isiwa kwa baitseanapeng gore di tokafadiwe e nne melemo kana dipilsii tse di ka thusang Batswana jaaka setlhare sa moporota se se bonwang kwa kgaolong ya Ngami gotwe sone se ka alafa bolwetse jwa kankere( cancer).
Tona o boleletse banni bao gore fa yo o nang le kitso ya gore setlhere sefe se ka thusa bolwetse bofe, ke go ikwadisa ka fa molaong gore ka moso mongwe a seka a go gweba ka setlhare seo, jaaka sengaparile se se gwebang ka batho ba mafatshe a a kwa ntle.
E ne erile Kgosi Botshelo Lekgothu a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, a tlhalosetsa tona fa lephata la gagwe la dikago le sa dire sepe, a re sengwe fa se senyegile mo diofising tsa puso go tsaya lobaka go sa baakanngwe.
Erile banni ba Ghanzi ba akgela, ba kopa gore go agiwe matlhabelo mo Ghanzi. Ba supile fa matlhabelo a Lobatse a sena mosola mo go bone ka gore le tsone ditlhawtlhwa di wetse tlase fela thata.
Banni ba boleletse tona fa bontsi jwa dikago tsa puso di ntse fela di sa dirisiwe jaaka sepatela se segologolo le diofisi tse di neng di le tsa Supplies ka jalo ba kopa gore di neelwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go di dirisa ka gore ba a di tlhoka.
Banni bao ba ne ba kopa gape gore go tsisiwe ditlhabololo tse ditona tse di ka tsisang mebereko mo kgaolong ya Ghanzi. ENDS
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Sep 2016






