Makgaola o rolelwa kgwebo
13 Sep 2016
E ne ya re bosheng, khamphani ya Mascom ya abela monana wa motse wa Molalatau, Mme Oratile Makgaola ntlo ya kgwebo ya maranyane e e itsegeng ka leina la Mascom Kitsong Centre.
Fa a bua kwa tirong ya go rolelwa ga tiro eo ke ba Mascom, Mme Makgaola a re e ne ya re fa ikopelo ya gagwe e sena go atlega ko Mascom, a isiwa dithutong ke ba Mascom go ya go ithuta go itsamaisetsa kgwebo, go dirisa ditirelo tsa Kitsong Centre.
A re o ne a na le bangwe ka ene, mme bone ba ne ba bona ditiro go sele ka jalo ya nna ene mosalagae a sala le boikarabelo jwa go tsweledisa kgwebo e.
Ntlo e, e na le dibalamakgolo di le pedi, mochine o o ntsifatsang dipampiri e bile o dira meriti le o o romelang melaetsa.
Ditirelo tse a tlaa bong a di neela setshaba ke go ntsifatsa dipampari, go dira meriti le go dira dikarata tsa taletso.
Mme Makgaola a re o tlaa dira ka natla go tlhomamisa gore o dira dipoelo ka e bile a sena ba a iteisanang borathana le bone mo kgwebong ya mofuta o mo motseng wa Molalatau. Modiri wa kompone ya Mascom, Mme Lindiwe Ramorwa o tlhalositse fa ba neela monana tsotlhe tse a di tlhokang go simolola kgwebo ya mofuta o, mme letseno lotlhe ke la gagwe.
Mme Ramorwa a re go mo maruding a gagwe gore monana o tokafatsa kgwebo eo jang a lebile botlhoki jwa banni ba motse wa gagwe.
A re e le ba Mascom ba solofela fa Mme Makgaola a tlaa kgona go tsweledisa kgwebo eo mme a ithekele tse a di tlhokang.
Fa banni ba motse wa Molalatau ba supile fa ba ntse ba tlhoka ditirelo tsa mofuta o o mo motseng wa bone mme ba itlamile go reka ditirelo tseo go rotloetsa Mme Makgaola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : MOLALATAU
Event : Go rolelwa tiro
Date : 13 Sep 2016






