Breaking News

Palamente e dirisa diteme di le pedi - Kokorwe

13 Sep 2016

Motsamaisa dipuisano tsa palamente Mme Gladys Kokorwe a re palamente ya lefatshe leno e dirisa diteme di le pedi ebong ya Setswana le Sekgowa.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla ya kwa Bobonong mo thulaganyong ya go isa palamente kwa setshabeng, Mme Kokorwe a re mo ditemeng tseo go tswa mo go mopalamente gore o itlhophela go dirisa teme efe kgotsa go bua Setswana kana Sekgowa.Fa a itebaganya le tiro ya mopalamente a re o tlhophetswe go dira melao le melawana, go tsenya leitlho gore maphatla a dira ditiro tsa o ne  le mo tirong ya go rebola madi a ditlhabololo tsa setshaba.
O supile fa palamente ya Botswana e na le manno a palamente a le masome a matlhano le bosupa mme go na le a le ba le bane ba ba tlhophilweng ke Tautona mme palo yotlhe e goroga kwa go masome a marataro le boraro go akaretsa motsamaisa dipuisano tsa palamente le Tautona.
Mme Kokorwe o tlhaloseditse banni ba Bobonong  fa palamente gape  e na le dikomiti ka go farologana di le lesome le bobedi di akaretsa  tse di itebagantseng le makgotla a tshwana le mafatshe a sele jaaka la SADC le African Union le mafatshe a ditshaba. O lekodisitse banni gore fa mopalamente e le tona ga a ne leloko la dikomiti ka gore ditiro tsa gagwe di a bo di le dintsi.
A re palamente e kopana makgetho a le mararo mo ngwageng a supa fa go na le tekodiso ya sechaba e e dirwang ke tautona ka kgwedi ya Ngwanaatsele, ya kgaoganyo ya madi e yone e dirwang ka kgwedi ya  Thakole le palamente ya mariga e e tsenang ka kgwedi ya Phukwi e yone e itebagantseng le go dira melao le ditshutiso.
Fa a ama tiro ya gagwe a re ene e le motsamisa dipuisano ga a tshwanela go tsaya letlhakore fa a tsamaisa tiro ya palamente.
Mme Kokorwe a re batlhophi bone tiro ya bone ke gore ba tshwanetse go tsena diphuthego tse mopalamente a di bitsang le go mo fa tse ba batlang di ka fetolwa mme e bile ba na le tshwanelo ya gore ba tsene dipuisano tsa palamente go reetsa barongwa ba bone. Fa a itebaganya le badiri ba  ofisi ya mopalamente mo dikgaolong a re ga ba a tshwanela go kgetholola ope fa setshaba se tlhoka thuso go sa kgathalesege gore ke ba phathi efe. Fa ba tswa la bone banni ba ne ba itumelela go tsisiwa ga palamente mo motseng wa bone ba supa fa se se ba rutile gore palamente e tsamaisiwa jang.
Rre Joseph Madome a re puo ya Setswana  e tshwanetse go gatelelwa thata mo palamenteng go na le ya sekgowa a re fa mapalamente a ikana a tshwanetse go dirisa Setswana e seng teme ya  sekgoa.
Mme Florah Basiame ene a re go botlhokwa gore bodiredi ja palamente bo rute setshaba ka ditsamaiso tsa palamente gore setshaba ka kakaretso ba itse tiro ya mapalamente. Bangwe ba banni bone ba kopa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe mo telebishing gore batlhophi ba kgone go utlwa gore baemedi ba bone ba ba emetse jang. Mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi o lebogetse motsamaisa dipuisano tsa palamente go tsisa palamente mo motseng wa Bobonong a supa fa ofisi ya moemedi wa palamente mo kgaolong e dira tiro ya yone sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Sep 2016