Go botlhokwa go otlolola seatla
12 Sep 2016
Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re go botlhokwa go otlolola letsogo ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore le bone ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka.
Mme Kruger o buile jalo ka Matlhatso (Lwetse a le lesome) fa mokgatlho wa bomme wa kereke ya Wesele kwa Lobatse le setlhopha sa kgwele ya dinao sa Diphashasha ba ne ba abela bana ba ba robaditsweng mo kokelong ya Athlone.
Mme Kruger o boletse gore kereke e dira tiro ya Modimo, a tlatsa ka gore ba tshwere thipa ka fa bogaleng, jaaka erile ba akanya ba gopola bana a re ke nako e e botlhokwa, go otlolola lebogo la molemo la lerato.
Mme Kruger a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya seatla go gopola bana ka metsotso e e masome a matlhano, le gone gore go ipelelwa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano, lefatshe leno le ipusa.
A re se se itumedisa bana mme eseng bone fela, a re le baoki ba a kgothatsega go bona gore ba kopanetse go oka moo le mongwe kgotsa bangwe kwa ntle, a re kabo dimpho e ke go tsaya puso tema.
Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme, Mme Buni Ditshwane a re maikaelelo a bone ke go direla Modimo, mme ba dira tse di tshwanetseng jaaka go tlhola balwetse kwa dikokelong, magolegwa kwa dikgolegelong le go fa ba ba senang dijo, sengwe sa go ja.
Mme Ditshwane a re gape ba direla lefatshe, go diragatsa lengwe la matshego a tebelo pele, a tlatsa ka gore go aba mo ga go a tla ka phoso ke ka gore ba kelotlhoko, ba kutlwelobotlhoko le gone go supa lorato.
A re gape ba gwetlhiwa ke maikano a mokgatlho oo a a ba tlamang, a re lorato le go kgathala, ka ba bangwe go supa lorato mo setshabeng
Bomme bao ba abetse bana bao melora e e tlhapang ya bana, dibaselapa, melora e e tlhatswang dibaseline, le metseto, dithoto tse a reng di lopile madi a a fetang dikete tse nne tsa dipula.
Go sale foo Rre Abel Mathiba wa setlhopha sa Diphashasha o ne a supa gore ba motlotlo go bo ba abela bana morago ga dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano setlhopha se ntse se le teng, le gone go diragatsa maikaelelo a go nna le bana metsotso e e masome a matlhano.
Rre Mathiba a re ba fa bana ba mpho fela pele ga ipelelo boipuso gore ba bone gore mme le fa ba le mo bookelong, go na le mongwe kwa ntle yo o kgathalang ka bone.
O ne a gwetlha ditlhopha tse dingwe gore le tsone di tsenye letsogo mo dikgetsing tsa bone go bona gore ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa setlhopha sa Diphashasha Rre Thabiso Masaka a re ba ne ba tla mo kokelong go utlwa le go lemoga letlhoko mme ba tsamaya ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo Lobatse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Sep 2016






