Breaking News

Ditsa tlholego di ka tlamela banni

12 Sep 2016

Lephata la tshomarelo ya dikgwa Forest Conservation Botswana (FCB) le rotloeditse mekgatlho go dirisa mananeo a ka one ba ka kgonang go itlhamela ditiro.

Baemedi ba lephata lephata leo ba buile seo bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Lerala.

Maikaelelo a phuthego e ne e le go itsise banni ka mananeo a FCB.

Mogolwane wa FCB, Mme Francinah Cole, o ne a bolela fa morafe kana mekgatlho e e mo motseng e tshwanelwa ke go lebelela tikologo ya bone go bona gore go na le eng se se ka dirwang ka dikgwa tsa bone mme ba kopa dithuso tsa madi go dira seo.

A re mekgatlho bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ka sekaseka gore di ka dira lenaneo lefe go somarela dikgwa tsa bone. 

Mme Cole a re ba ka dira lenaneo la gore ba somarele ditsatlholego tse di ntseng di le teng gore di seka tsa nyelela ka go dira tsa bojanala ka tsone le gone go laola go bapala tse di fitlhelwang mo dikgweng di tshwana le bojang, mmu kana ditlhare tse di dirisiwang go alafa malwetsi mangwe.

A re gape ba ka laola gore dikgwa di seka tsa senyega di tshwana le go dira tse di ka kganelang metsi go senya dikgwa.   

Mme Cole o tsweletse a re lenaneo le lengwe le ba kgonang go le ntshetsa madi ke le le itebagantseng le go dira ditshekatsheko mme di itebagantse le dikgwa. 

A re ba ntshetsa gape madi bojanala jwa dinonyane le gone go tsaya mafelo a bojanala dinepe.

O tlhalositse fa madi a a ntshiwang ke ba FCB a sa busiwe mme a fiwa mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molaong e bile e se ya puso, jaaka mekgatlho e e tlhabololang metse (trusts) le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse fa ba supile gore ba na le lenaneo lengwe le ba batlang go le dira mme le itebagantse le tshomarelo ya dikgwa.

A re go na le mabaka mangwe a a faphegileng a ba kgonang go thusa maphata mangwe a puso fa a na le lenaneo lengwe le le amanang le go somarela dikgwa mme a supile fa a sena madi a a tswang mo pusong a itebagantse le lenaneo leo.

A re mo nakong eno ba setse ba thusitse mekgatlho e le mokawana mme ba tlaa tswelela ka go thusa mekgatlho go ya ka dikopo tsa bone. 

O ne a bolela fa ba rotloetsa bogolo jang banana ba ba sa direng ka ba ka kgona go itlhamela ditiro ka mananeo a FCB. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Sep 2016