Breaking News

Reatile o kopa banni go dirisa mananeo sentle

12 Sep 2016

Modualsetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, o rotloeditse banni ba Sekoma, Mahotshwane le Khonkhwa go tlhagafalela mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.

O buile jaana bosheng fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo, tse maikaelelo a tsone e neng e le go lekola ipaakanyetso ya boipuso.

O ba kopile gore ba dirise mananeo ao sentle gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone ba bo ba kgone go thusa puso go thusa le ba bangwe ba ba tlhokang mananeo ao. 

Rre Reatile o ne a ba rotloetsa gore ba somarele dithuso tseo ka jaana puso e dirisa madi a le mantsi go thusa Batswana lefatshe ka bophara. A re batho ba ba thusiwang ka mananeo a temo ba bereke ka natla ba agelele masimo ba bo ba tlhokomele dijwalo ka go di tlhagolela gore ba ntshe maduo a a kgotsofatsang a a tlaa ba ntshang mo lehumeng.

A re fa ba ka tlhwaafalela mananeo ao, lefatshe leno le tlaa gatela pele ka ditlhabololo ka jaana ba tlaa bo ba fokoleditse puso mokgweleo.

Rre Reatile gape o ne a ba kopa go amogela ka tsoopedi lemme le puso e ba thusang ka lone go ipelela boipuso. 

O ne gape a itlama go fa motse mongwe le mongwe mo kgaolong eo sekete sa dipula gore ba oketse mo ba nang nago.

Banni ba metse eo ba ne ba ikuela ka letlhoko la metsi mme o ne a ba bolelela fa puso e tsweletse ka go kgaratlha go bona gore e ka hema jang seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keabetwe Gobatlwamang

Location : SEKOMA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Sep 2016