Lerato pinagare ya kutlwelobothoko
12 Sep 2016
Mogolwane wa lekalana la botsogo, Mme Botho Rampana, a re lerato ke pinagare ya kutlwelobotlhoko.
Mme Rampane o buile jalo kwa kabong ya ntlwana ya boitiketso le kolotsana ya mo-na-le bogole tse di neng di abelwa Rre Gofaone Mogorosi ke mokgatlho wa Mathubampa Social Club kwa Letlhakane ka Labotlhano (Lwetse a ferabongwe).
Mme Rampana a re gore motho a abe go a bo go na le lerato mo go ene e bile go ya ka gore o leba ba ba tlhokileng lesego jang.
A re se ba mokgatlho wa Mathubampa ba se dirileng ke sesupo sa gore Batswana ba tsweletse ka go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya le fatshe la tshaba e e lorato e e kutlwelobotlhoko e e bileng e kgathala ka ba bangwe.
Mme Rampana a re o lebogela gore banalebogole gompieno ba tsewa tsia e bile ba a tlhokomelwa go na le jaaka pele ba ne ba bewa ko mahuri.
O tsweletse a re bonalebogole ga se gore motho ga a na bokgoni, a tlhalosa gore le bone fela jaaka motho mongwe le mongwe ba na le bokgoni le ditalente.
O ne a leboga ba mokgatlho wa Mathubampa ka tiro e ntle e ba e dirileng e, a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo go thusa Batswana ba bangwe.
Modulasetilo wa mokgatlho wa banalebogole wa Gabotsalelwe mo Letlhakane, Rre Wagamang Phampha a re e le banalebogole ba amogetse se ba leng sone ka gore ke ditiro tsa Modimo.
Rre Phampha a re pele banalebogole ba ne ba kgethololwa mme gompieno ga go a nna jalo, e bile puso e eme ka dinao go bona gore banalebogole ba a thusiwa.
A re banaleseabe ka go farologana ba tsentse letsogo mo go thuseng banalebogole a tlhalosa gore le setshaba ka kakaretso se setse se itse gore banalebogole ba tshwana fela le bone.
E rile a leboga, raboipelego wa banalebogole, Rre Ramosesane Mathodi a re banalebogole ba ikamogetse e bile ba emana nokeng.
Rre Mathodi a re banalebogole ba na le dikgwetlho di le dintsi mme le fa puso e na le mananeo a e ba thusang ka yone ga e kake ya kgona ka nosi a kgothatsa ba ba nang le bokgoni go thusa.
A re go thusa monalebogole o a bo o tokafaditse botshelo jwa gagwe ga mmogo le go tsholetsa serudumo le seriti sa gagwe.
E rile a tlhalosa ka maikaelelo a mokgatlho wa bone, modulasetilo wa Mathubampa, Rre Letsweletse Keimetswe a re ke go thusa Batswana ba ba tlhokileng lesego, gape ba diragatsa lengwe la maitlamo a kompone ya bone ya Debswana la 'Show we care'.
Rre Keimetswe a re mokgatlho wa bone o agilwe ka maloko a le 168 ba ntsha P50 kgwedi le kgwedi, a tlhalosa gore ba dirisitse madi a a ka tshwarang P27 000 go aga ntlwana ya boitiketso le go reka kolotsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Kabo mpho
Date : 12 Sep 2016






