Itshidilo mmele e tokafatsa botsogo
12 Sep 2016
Mogolwane mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa kgaolong-potlana ya Tutume, Mme Wazha Fani a re go itshidila mmele go botlhokwa thata mo botsogong jwa motho.
Mme Fani o boletse seo ka letsatsi la itshidilo mmele le botsogo le le neng le rulagantswe ke lephata la banana, metshameko le ngwao la khansele-potlana ya Tutume kwa Tutume ka Labotlhano (Lwetse a ferabongwe).
A re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le bontlha bongwe jwa metseletsele ya ditiro tsa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ipusa.
O tsweletse a tlhalosa fa ka letsatsi leo ba tla nna le neelano le setshaba ba le badirelapuso ka jalo ba godise tshwaragano, tirisanyo mmogo le popagano fa gare ga bone le setshaba mme kwa bofelong go nne le maduo a a eletsegang.
Mme Fani a re gape ka bokopano joo le batho ba motse ba leka go tswala phatlha le pharologanyo e e ntseng e le teng fa gare ga badirelapuso le setshaba.
A re ba ya go nna ngatana mme ka seo ba tlaa kgona go ipelela boipuso ka mowa o le mongwe ba le Batswana ba ba itsegeng ka kagiso le tshwaragano go tswa goolowe.
Gape a re ba ne ba bona go tshwanela go akaretsa batho ba motse gore le bone ba nne le sebaka sa go ka itshidila mmele gore le bone ba kgone go lapolosa ditlhaloganyo tsa bone mme seo se tlaa dira pharologanyo mo botsogong jwa bone.
Morutuntshi mo go tsa itshidilo mmele kwa Mill Mart, Mme Martha Mbayi a re botsogo jo bo itekanetseng ke konokono mo botshelong jwa motho.
Mme Mbayi a re itshidilo mmele e botlhokwa thata ka go fokotsa malatsi a babereki ba a tsayang ba ile kwa ngakeng.
O ile a gatelela ka botlhokwa jwa go bona gore tikologo e ba berekelang mo go yone le dithoto tse ba di dirisang di tsamaela le botsogo jwa bone.
A re gape batho ba tshwanetse go tshwenyega ka botsogo jwa bone go bona gore tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di jang di siametse mebele ya bone.
O ile a gatelela ka botlhokwa jwa go laola ka fa batho ba jang ka teng, a re bangwe ba ja mo go fetileng selekanyo e bile ba sa itshidile mmele selo se se ba tsenyang mo diphatseng tsa go ka tshabelelwa ke malwetsi a a ka thibelwang.
Mme Mbayi o ne a rotloetsa batho go nna ba itshidila mmele nako le nako ka go ipha metsotso e le masome mararo moso le moso go dira itshidilo mmele nngwe fela e ba ka e kgonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Letsatsi la itshidilo mmele
Date : 12 Sep 2016






