Go neela go botlhokwa
12 Sep 2016
Mosimolodi wa kereke ya Be Free Ministry mo Gaborone, Prophet Keletso Moenda, a re go abela batho ba bangwe ke taolo e e tswang kwa Modimong.
O buile jalo ka Matlhatso (Lwetse a ferabongwe) kwa kerekeng ya Heavenly Church kwa Maun kwa a neng a abela bagodi ba feta masome a mararo le bana ba sekole sa batlhokakutlo sa Boyeyi ba le masome a mararo le borobabobedi dijo le melora e e tlhatswang le e e tlhapang fa ba basetsana ba ne ba tsaya le mesangwana.
A re o tlaa tswelela ka go thusa bana bao go tloga gompieno go ya pele, a tlatsa ka gore o sa ntse a tlaa boa kwa Gaborone go tla go bona gore botlhoki jwa bone bo remeletse mo go eng le ntswa a setse a bonye dingwenyana di se kae.
Prophet Moenda a re go tlaa bo go sa lebana gore e re lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa go bo go na le bangwe ba ba sa ntseng ba saletse kwa morago bone ba ipotsa gore ba ya go tlhola ba jeleng.
O tsweletse a re ka go dira jalo o itebagantse le lengwe la matshego a lefatshe leno le a kaileng fa a le rata thata la tshaba e e kopaneng e bile e ipelafatsa, a tswelela ka gore kana gatwe go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, e bile moroto wa yo o, esi ga o ele a re puso e le nosi e ka se kgone seemo se se leteng.
Fa a ntsha dilwana tseo, Prophet Bokang Bruce wa kereke ya Heavenly Church mo Maun a re ba ntshitse dijo tseo ka go supa lorato, a re fa motho a dira jalo a sena lorato ke go itshenyetsa madi fela.
Bangwe ba batsadi ba ba neng ba amogela dimpho tseo ba ne ba supa boitumelo jo bogolo le gone go ba kopa gore Modimo a okeletse ba kereke eo botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Sep 2016






