Mokhomma o ikopela lenaneo la ESP
12 Sep 2016
Kgosi Siba Nthomang wa Mokhomma kwa kgaolong ya Borwa o kopile gore motse wa gagwe o akarediwe mo lenaneong la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) .
Kgosi o dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile ka Labone (Lwetse a ferabobedi).
Kgosi Nthomang a re ESP e ka thusa mo go di tlhabololeng ga mmogo le go shafatsa dikago tsa puso tse di setseng di onetse.
A re le ntswa ba boleletswe gore motse wa bone o tsentswe mo thulanyong ya bobedi ya ESP, ba tshogela gore fa seemo sa itsholelo se ka ya kwa tlase, seo se ka ama go goroga ga lenaneo leo sentle kwa Mokhomma.
O ne gape a kopa batsamaisi ba lenaneo leo gore ba tswelele ka go rerisanya le morafe ka tsamaiso go netefatsa gore morafe o tlhaloganya dithulaganyo tsotlhe le seabe sa bone mo lenaneong.
Mo go tse dingwe Kgosi Nthomang o ne a kopa khansele-potlana ya Mabutsane go tsibogela ditiro tse di sa weleng ka nako ga mmogo le dikago tse di sa agegang.
O ne a supa fa seo se busetsa maiteko a puso a go isa ditlamelo ko bathong kwa morago.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Reatile o ne a rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso go intsha mo lehumeng.
A re puso e phutholotse seatla go thusa mongwe le mongwe go itirela ka diatla, mme a ba kgothatsa gore ba somarele meamuso ya lefatshe leno gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele.
Rre Reatile o ne a tsweledisa loeto lwa gagwe ka go etela motse wa Sese ko a neng a lekola banni le go ba rotloetsa go ithaopa go kolekela moletlo wa monongwaga wa boipuso go oketsa seabe sa puso.
O ne a gakolola banni gore mowa wa boipelego ke one o fitlhisitseng lefatshe leno mo go ipeleleng dingwaga tse di masome a matlhano, ka jalo mowa oo o tshwanetse go tswelela go ya pele.
O ne gape a tlholosa gore diofisi tsa kgotla tse di neng di rulagantswe gore di tlaa agiwa ka lenaneo la ESP di tlaa tswelela jaaka go solofetswe.
A re ba tlaa dira ka bojotlhe go netefatsa gore go salwa tsamaiso ya dikago morago le gore tiro eo e wela ka nako e e solofetsweng ntle le ditshenyegelo.
Rre Reatile o ne a tlhalosa gore baitseanape ba dikago ba tsweletse ka tiro ya go sekaseka tse di tshwanetseng gore kago eo e tle e simololwe.
Modulasetilo o ne gape a abela banni ba Thankane, Samane, Mokhomma le Sese madi a a kana ka sekete sa dipula motse mongwe le mongwe e le seabe sa gagwe sa gore ba ipelele boipuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : MOKHOMMA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 12 Sep 2016






