Dikereke di kopiwa go tshwaragana
11 Sep 2016
Dikereke tsa Letlhakane kwa kgaolong-potlana ya Boteti di kopilwe go tshwaraganela go lwantsha HIV/AIDS ga mmogo le go rapelela Botswana.
Kopo e, e dirilwe ke Moruti Lesedi Galebotsane wa kereke ya St Phillips kwa tsimolodisong ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS kwa Letlhakane bosheng.
Mme Galebotswe a re dikereke di tshwanetse go nna sekao ka boitshwaro jo bo lolameng gore ba ba sa tseneng ba kgone go bona bokao jwa kereke.
A re fa mogare le bolwetse bo simologa go ne go sena se se thusang mme batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo mme morago puso e ne ya simolodisa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. Mme Galebotsane a re gompieno seemo sa HIV/AIDS se botoka ka gore puso e ne ya ntsha lentswe gore go kopanelwe seemo se, ga rutiwa batho ka jone le gore ba amogele ba ba amegileng.
A re ba tshwanetse go rapela gore Modimo a ba sireletse mo malwetsing le dikotsi tsa tsela a re ba ka kgona fela ka tshwaragano ya dikereke. Kgosi Baruntshi Kegapetswe ene o ne a kopa dikereke gore di tlhame mekgatlho a re ke yone e ka di bopaganyang.
Kgosi Kegapetswe o ne a kopa baruti gore ba rotloetse diphuthego tsa bone go tsaya karolo mo ditiragalong le dipaakanyo tsotlhe tsa go ipelela boipuso. A re ba tsenye letsogo, ba thuse gore boipuso jotlhe bo atlege.
E rile fa a tlhalosa maikaelelo a merapelo eo, mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ke go gopola ba ba re tlogetseng le go lebelela kwa morago kwa re tswang teng dingwaga tse di masome a matlhano go tshelwa le HIV/AIDS.
Rre Monyadiwa a re ngwaga ono gape e itebagantse le go rapelela boipuso e le bontlhabongwe ja go ipela, go tlotlomatsa mebala ya lefatshe leno ga mmogo le go rotloetsa mowa wa popagano.
E rile fa a leboga modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Dube Kadibadiba a leboga gore dikereke di ne di tsile ka bontsi mme a ba rotloetsa go dira jalo ka bokopano jwa dikereke jo bo tlaa tshwarwang kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, e ntse e le meletlo ya go ipelela boipuso.
Rre Kadibadiba a re dikereke ga di tsene diphuthego tsa kgotla, a re tshwaragano ya dikereke ke yone fela e ka dirang gore ba fenye dikgwetlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Merapelo
Date : 11 Sep 2016






