Banni ba Serule ba itumelela thuto ka folaga
11 Sep 2016
Banni ba Serule ba supile boitumelo morago ga go rutiwa go tlotla folaga le go ipela ka yone.
Fa a buisa banni ba motse oo, Constable Simmon Johannes wa sepodisi sa Botswana kwa Serule, a re folaga ya lefatshe e simolotse go tsena mo tirisong ka ngwaga wa 1966 mme e bonwa mo dikoleng le mafelo a mantsi a setshaba.
O ne a supa gore go le gantsi Batswana ga ba tlhaloganye gore ke molato go sa tlotla folaga e pegwa kgotsa e folosiwa le ene modirelapuso yo o pegang folaga le lefelo le folaga e pegwang mo go lone.
Rre Johannes o ne a tlhalosa gore folaga ga e pegwe ke mongwe le mongwe mme go letlelelwa mapodisi, sesole, ba dikgolegelo le masupatsela ba apere diaparo tsa tiro.
O ne a supa gore folaga fa e fofela tlase e a bo e supa sengwe segolo bogolo kutlo botlhoko fa lefatshe le latlhegetswe ke moeteledipele kgotsa mongwe wa botlhokwa.
Morutabana go tswa kwa sekoleng sa Bonwatlou Junior Secondary School, Rre Comfort Senome o ne a gakolola batsadi go rotloetsa bana go rata le go bua puo ya Setswana gore e seka ya nyelela kgotsa go e nyenyefatsa.
A re matshego a lefatshe a dirilwe ka mabaka a go batla kagiso le go tlhabolola lefatshe ka go rotloetsa boipelego, setho le tshwaragano tse e leng tsone konokono le mokwatla wa tshisibalo le ditlhabololo.
O ne a wetsa ka gore sengwe se Batswana ba tshwanetseng go se lebogela le go se ipelela ke ditswa mmung, diphologolo tsa naga, diruiwa , temo le pula tse Modimo a segofaditseng lefatshe leno ka tsone.
Fa ba ntsha mafatlha a bone, banni ba motse wa Serule ba supile fa ba ntse ba roba melao mengwe ka ba ne ba tlhaela thuto mme thuto e sedimositse tsotlhe tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go dirwa.
Ba ne ba re ba tlaa simolola go tlotla folaga le botlhe ba ba maleba ba ba e pegang le go e folosa go supa tlotlo le tshisibalo.
Mo go tse dingwe banni ba motse wa Serule ba ne ba lekodisiwa gore tsela e ba saleng ba e tshephisiwa e e lomaganyang motse wa Serule le Tshimoyapula e tlaa dirwa ngwaga wa 2017 fa o simolola ka moalo wa yone o setse o dirilwe.
Fa a ntsha pego ka tsela eo, moeteledipele wa lephata la tsa ditsela kwa Serowe Rre Botsile Galekhutle a re, tsela e sale e akanyediwa ka ngwaga wa 2008 mme ba lebogela gore ko bo felong toro ya bone e tlaa diragadiwa ka sengwe le sengwe se le mo maemong.
Kgosi Oletile Modisa wa motse oo, o ne a lebogela barutabana le ba sepodisi ba ba neng ba tsile go ruta morafe ka fologa le matshego a Botswana gore go maleba gore ba dire jalo ka bontsi jwa Batswana bogolo jang banana ba sa itse mosola wa go tlotla seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SERULE
Event : Phuthego
Date : 11 Sep 2016






