Mabaila o tlotlomatsa dikgosi
11 Sep 2016
Tautona wa bobedi, Sir Ketumile Masire, o akgoletse Rre Tshepo Mabaila wa Mabaila Foundation go lemoga boleng jwa dikgosi.
Mokwaledi yo o faphegileng kwa ofising ya ga tautona wa bobedi, Rre Alfred Tlhoiwe ke ene a neng a bala molaetsa wa ga Sir Ketumile kwa kabong dietsele kwa Mogoditshane bosheng.
A re dikgosi di tshwanetswe ke go lebogelwa seabe sa bone mo boipusong jwa lefatshe leno.
Molaetsa wa ga Sir Ketumile wa re Mogoditshane o na le merafe ya dingwao tse di farologaneng mme a akgola dikgosi tseo go bo di kgonne go dirisana le batho ba ba agileng mo motseng oo sentle.
A re o lebogela boineelo jwa bone mo tirong e ba e dirang ya letsatsi le letsatsi.
Rre Mabaila ene a re o bone go tshwanela go lemoga boleng jwa dikgosi bogolo jang mo nakong eno e lefatshe la Botswana le ipelelang dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa.
A re go ba abela ditlankana tseo go tlaa dira gore ba dire ka natla ba tshwaragane le go gakologelwa gore ke bone ba tshwereng lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dietsele
Date : 11 Sep 2016






