Sekate o tlhabantsha lehuma ka bojang
11 Sep 2016
Go ikaega ka puso le go sa ipelega ke dingwe tsa dilo tse di tlhotlheletsang lehuma.
Go tlhalositse jalo Mme Maitshwarelo Sekate yo o itshetsang ka go kgetla bojang a bo a bo rekisa.
Mme Sekate, yo o tlholegang kwa Khudumelapye mme a nna kwa masimong a Matsuke gaufi le Molepolole, o tlhalositse fa e rile a thibelela kwa Matsuke a fitlhela banni ba le mo dikgwebong tse di farologaneng jaaka go rekisa dithomeso,dipale,dikgong, bojang le dijo tse di tswang mo tshimong.
A re ene o ne a kgatlhegela kgwebo ya bojang ka e ne e supa fa e le bogadi bo gaufi mme a simolola go kwatabolola mo go ba ba mo go yone.
A re bojang fela jaaka ditsa tlholego tse dingwe bo na le nako e bo kgetliwang ka yone.
O tlhalositse fa bojang bo kgetliwa morago ga paka ya fa go fetswa go robiwa dijo mo masimo. O supile fa bontsi jwa nako e le paka ya mariga.
Mme Sekate a re Batswana ba reka bojang mo go ene ka dipalo tse di nametsang mo e bileng a kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe le go kgetha P160 yo khansele e mo lopang kgwedi le kgwedi mo go ba ba mo kgwebong ya go kgetla bojang ba bo rekisa.
O tlhalositse fa a rekisa bojang jwa motsikiri, seloka le jwa tsikitshane.
A re ngata ya bojang jwa tsikitshane le seloka jo bo dirisiwang go rulela matlo a Setswana o e rekisa P25. A re motsikiri o bontsi jwa nako o dirisiwang mo go ruleleng dikago tsa dihotele le meriti a o rekisa P10 ngata e le nngwe.
Mme Sekate yo o dingwaga di masome a matlhano le bosupa a re se se dirang gore kgwebo ya gagwe e dire sentle ke go bo a le fa tlase ga tsela ya Letlhakeng/Molepolole.
O supile fa badirisi ba tsela eo e le bone bareki ba gagwe. E re ntswa kgwebo ya gagwe e ntsha maduo a a nametsang, a re ponelopele ya gagwe ka kgwebo ya gagwe e supa se se farologaneng le se a se bonang gompieno.
A re o na le letshogo la gore mo dingwageng tse di fa pele kgwebo ya go rekisa bojang e ka nna ya wela ko tlase ka go bo Batswana ka bontsi mo bogompienong ba aga dikago tsa sesha tse di rulelwang ka disanke le dithaele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 11 Sep 2016






