Go aba dimpho go tiisa moko
11 Sep 2016
Dikole tse dipotlana tsa kgaolo ya Bobirwa di kailwe fa e le dingwe tsa dikole tse di ntshang maduo a a nametsang a lekwalo la bosupa.
Se se builwe ke mothusa ramapodisi wa pele, Rre Diphatsa Patiko, kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o tshwaretswe kwa sekoleng se sebotlana sa Madikwe Lwetse a robabongwe.
Rre Patiko a re go abela baithuti dimpho go ka ba tiisa moko, a tlasa ka go supa fa mokgwa wa go aba e le dingwe tsa ditsetlana tse di kwadilweng mo tebelongpele ya setshaba ya ngwaga wa 2016.
O gwetlhile baithuti go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo ka e le yone e ka ba betlelang isago e e siameng.
Rre Patiko o supile fa thuto e le boswa jo bo sa feleng.
O rotloeditse baithuti ba ba sa tsayang dimpho go itsa mokgwa wa boitlhobogo mo go bone a ba a ba rotloetsa gape go dira ka thata mo nakong e e tlang.
O ne gape a abela sekole madi a a kana ka P2 500 le podi.
Rre Patiko o supile fa sekole sa Madikwe se dira bontle thata mo metshamekong a tlatsa ka gore go na le moithuti mongwe wa sekole seo yo o tshamekang chese yo o tlaa emelang kgaolo ya Bobirwa mo metshamekong ya boditshabatshaba.
Fa a latlhela la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Kelapile Patiko o supile fa go abela baithuti dimpho e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa go ithuta ka tlhwaafalo.
Rre Patiko o supile fa ba na gape le mananeo a tshwana la Excellence Award le le abelang barutabana le baithuti dietsele.
A re ngwaga wa 2013 fa sekole se ne sa pasa ka maduo a 76 per cent, 2014 72 per cent fa ngwaga o o fetileng sekole se ne sa pasa ka maduo a 74 per cent mo maduong a lekwalo la bosupa la makgaolakgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Moletlo
Date : 11 Sep 2016






