Popagano ya morafe e ntsha maduo
11 Sep 2016
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta, a re tshwaragano ya baeteledipele jwa motse le morafe wa Mmadinare ba kgonne ditiro tse di ntsi mme e bile go supafala fa ba tlaa tswelela ba dira go gaisa ka fa ba ntseng ba dira ka teng.
Rre Mojuta o ba kgothaditse go tswelela ba tshwaragane go fenya dikgwetlho tse di ka ba emang pele.
A re fa bogogi jwa motse bo akaretsa makhanselara, dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo ba tshwaragane le banni go motlhofo gore motse o tlhabologe ka go bo go sena yo o gogelang kwa morago. Rre Mojuta o buile seo kwa moletlong o o neng o rulagantswe go amogela dimpho go tswa mo go ba Welcome Cash &Carry. Dimpho tse di neng di abelwa bana ba sekole sa bananyana sa Mmadinare Corner Day Care Centre di lopileng madi a a kana ka P50 000 di akaretsa materase, dipoto, dkobo, ditafole le ditilo tse di tlaa dirisiwang mo sekoleng. E rile a aba dimpho tseo mookamedi wa Welcome Cash & Carry, Rre Najumudeen Safullah a re ke maitlamo a bone go thusa fa go nang le botlhoki. Rre Safullah a re tikologo e ngwana a golelang mo go yone e na le seabe mo go ntsheng bana ba ba ka tsogang ba na le boikarabelo.
Rre Safullah a re dimpho tse ba di abetseng bana ba sekole sa Mmadinare Corner Day Care Centre di tlaa dira pharologano e ntsi mo dithutong tsa bone le go ba lapolosa ditlhaloganyo.
Rre Safullah o tsweletse a tlhalosa gore le fa mpho e ka tswa e lebega e se ya sepe yo o e amogelang ene o bona e dira pharologanyo mo botshelong jwa gagwe. Rre Safullah a re keletso ya motsadi mongwe le mongwe ke go bona ngwana wa gagwe a gola a na le lesedi la thuto mme e se botlhe ba ba ka kgonang go duelela bana dithuto ka jalo ba itlamile go thusa fa ba ka kgonang teng. Sekole sa Mmadinare Corner Day Care Centre se butswe semmuso ka ngwaga wa 2005 mme mo nakong ya gompieno se na le baithuti ba le masome a matlhano.
Molomaganya ditiro wa pele wa sekole seo Rre Modisa Motshegwa a re sekole seo se sa ntse se lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la madi ka se tsamaisiwa ke komiti ya ditlhabololo ya motse wa Mmadinare North East mme a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Moletlo
Date : 11 Sep 2016






