Borukutlhi bo ya tlase - tona
08 Sep 2016
Tona wa lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re puso e tshwenyegile ke go gola ga dipalo tse di kwa godimo ga banana ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela.
O buile se ka Laboraro kwa phuthegong ya kgotla kwa Lobatse fa a lekodisa morafe ka tse lephata la gagwe le itebagantseng le tsone, gammogo le go tsaya megopolo mo setshabeng go ka tokafatsa ditirelo.
Tona Kgathi a re seemo sa borukutlhi se ile tlase ka dipalo di ka tshwarang boferabongwe mo lekgolong.
A re sepodisi se fitlheletse seo, ka ntlha ya gore ba tshwaragane le go tswa ka methale ya go rutuntsha setshaba ka fa ba ka hemang borukutlhi ka teng go tsisa thitibalo mo setshabeng.
O tsweletse a re, mo sephatlong sa ntlha sa ngwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go ema ka Mopitlo, seemo sa borukutlhi se akaretsa melato e tshwana le bogodu jwa dikoloi, dipolao se ne sa goletsega ka dipalo di ka tshwara boraro mo lekgolong.
A re sepodisi se ne sa gagamatsa setoropo go lwantsha seemo ka go oketsa dipalo tsa mapodisi a nakwana, dipatorolo, le gone go bonala ga mapodisi ka dibaesekele mo mekgwatheng.
Rre Kgathi a re dikotsi tsa tsela di sa ntse di sa jese di welang ka jaana matshelo a le mantsi a latlhegetse mo ditseleng. O supile fa dipatlisiso tsa ba sepodisi di supa fa banana e le bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela.
A re banana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya go tse masome a mararo le botlhano, ba amega ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele ka jaana, dipalo tsa sepodisi di supa fa go gatisitswe dikgang di le dikete di le lesome le boferabobedi le masome a le mararo mo melatong e tshwana le go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya dino.
Rre Kgathi o supile gore goromente o ikemiseditse go gagamatsa melao gore banana ba tle ba boele mo taolong.
A re se sengwe, se ba se itemogetseng, ke gore setshaba se itse badiramelato mme ga ba ke ba loma ba sepodisi tsebe mme a supa fa go na le molao wa go sireletsa malomatsebe a re seo, ke tsela nngwe ya gore lefatsse le tle le robalelwe ke ditlhokwa mo dikgannyeng tsa borukutlhi.
Mo kamogelong baeng, Kgosi Segale Letshele, o ne a gwetlha morafe go tshwaragana le ba sepodisi le mekgatlho yotlhe e e itebagantseng le go lwnatsha borukutlhi go ka thusana go hema seemo mo kgaolong ya bone.
Kgosi Letshele o ne a tswelela ka go gwetlha banana go fokotsa go iphetisa nnotagi le gone go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya dino a re seo, se baya matshelo a bone le badirisi ba bangwe ba tsela mo diphatseng.
O ne a supa fa borukutlhi bo ka baya babalela itsholelo ya lefatshe ka fa mosing, ka jaana bagwebi go tswa kwa mafatsheng a sele ba ka nna bete semolangwana go ka tla go beeletsa mo lefathseng leno fa seemo sa borukutlhi se le kwa godimo, ka jalo a gwetlha setshaba go bopagana go bona gore ba lwantshwa mmaba yo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo kgotleng ya Peleng, Rre Ontiretse Mosimanewamacha, o supile fa maikaelelo a bone e le go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo kgaolong ka jaana borukutlhi mo kgaolong bo kekela ka monokela.
A re maikaelelo a bone ke go rutuntsha setshaba ba tshwaragane le ba sepodisi ka dikgang tsa borukutlhi.
Mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang ene o ne a kopa tona Kgathi go tsibogela tlhaelo ya dikoloi, le letlhoko la boroko tse a reng di kgoreletsa mapodisi mo tirong ya bone.
A re dikgago dingwe tsa mapodisi di tlhokana le gore di baakanngwe go thibela gore di senyegele ruri. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Sep 2016






