Banni ba rotloediwa go itlhatlhoba
08 Sep 2016
Banni ba Tonota ba rotloeditswe go nna le seabe mo go lwantsheng HIV/AIDS.
Mothusa mogolwane wa lephata le le gokanyang dikgang tsa AIDS wa kgaolo, Rre Shathiso Daki a re ba simolodisitse thapelo go lwantsha HIV ka thapelo e tsisa tsholofelo ya gore mogare wa HIV o tlaa fela.
Rre Shathiso Daki o buile se kwa Tonota mo kgweding ya go lwantsha mogare o mme a re banni ba tshwanetse gore ba itshekatsheke gore ba nnile le seabe go le kae go lwantsha HIV ka e le maikarabelo a mongwe le mongwe.
A re ba tshwentswe ke dipalo tse dipotlana tsa batho ba ba itlhatlhobetseng mogare mme go supa fa ba ka seke ba fitlhelela seelo se ba neng ba se ipeetse.
Rre Daki o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa boimana jwa banana se se golelang kwa pele mme go supa fa ba sa itshireletse mo mogareng.
O rotloeditse banni go ruta bana go ikgapha mo go mo tsa tlhakanelo dikobo ka go ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.
Gape o ne a akgolela seabe sa dikereke se ba se supileng go lwantsha HIV mme a re ba dikereke tse dingwe ba sa ntse ba ikgogetse morago mo bokopanong jwa go lwantsha mogare.
Moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission Mme Boingotlo Motlhasedi o ne a ba rotloetsa go tsenya seatla mo go lwantsheng mogare ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile puso e ka se kgone go lwantsha mogare e le nosi.
Moruti Motlhasedi o rotloeditse batsadi gore ba nne dikao mo baneng ba bone ka boitshwaro bo ka ba sireletsa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sa itshereletsa.
O akgoletse se puso e se dirang go lwantsha mogare ka ditlamelo tse e di tsisang mo setshabeng mme o tlhalositse fa Botswana ba ka bolokesega fa ba ka tsaya ditshwetso tse di siametseng matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Thukuza
Location : Tonota
Event : Phuthego
Date : 08 Sep 2016






