Breaking News

Palapye o tswa diphaleng

08 Sep 2016

Kgosi Maforaga a re Palapye e kile ya bo e le meraka, go tletse diphala tse leina la motse wa Phalapye o tswang mo go lone.Phala-pye o raya g diphala tse di dintsi

Ka nako eo, meraka e e ne ya fetoga go nna motse ka diterena di ne di nosiwa mo seteichaneng sa Palapye pele di fetela kwa borwa kana bokone.  Motse o ne wa thaiwa ke morafe wa Barotsi ba ka nako eo ba neng ba bereka mo seporong.

Kgosi Maforaga, yo o neng a amogana ditso tsa Palapye le morafe le badiri ba seromamowa ba e neng e le baeng kwa kgotleng ya gagwe, o ne a tlhalosetsa morafe  ka lefelo la sekole se sebotlana sa Central, a re golo foo e ne e le lefelo la kgaso ka dingwaga tsa ntwa ya lefatshe ya ntlha (First World War),  le dirisiwa ke ba British Broadcasting Corporation (BBC).

A re e ne ya re Botswana a sena go tsaya boipuso, ba senya ditshipi tseo tsa kgaso ka ba ne ba sa itse mosola wa tsone, le diengene tse di neng di dirisiwa ka nako eo ka go ne go sena metlakase, morago ga gore batho basweu ba boele kwa Britain.

Kgosi Maforaga o ne a supa fa go ne go le thata ka nako eo go etela metse e mengwe mme ga nna le banna  ba ba neng ba kgona go reka dikoloi tsa Bedford tse di neng di dirisiwa e le tsa setshaba go sena dibese.

Ka nako eo gape bangwe Batswana le batho basweu ba ba neng ba tla le seporo ba ne ba aga mabenkele le diotele ka bo 1955, ke gone Palapye a neng a simologa go tlhabologa, batho ba fetolela lefelo leo go nna motse go tswa mo merakeng.

E ne ya re a ba tlhalosetsa ka maikaelelo a go tlisa seromamowa kwa setshabeng, mogolwane yo o okametseng tsa lekalana le kgaso la RB, Rre Bofelo Rakgasa a tlhalosa fa maikaelelo magolo a tiriso ya seromamowa e le go anamisa mananeo a puso le go a isa kwa setshabeng  go ba ruta ka one.

O ile gape a tlhalosa fa go na le makalana a kgaso la RB le la RB2, mme  a nna le sebaka sa go rola badiri ka ene, a bo a kgothatsa banana go dira ka natla mo dithutong tsa bone, a tlhalosa fa mongwe le mongwe  a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, a re seo ba ka se kgona ka go ikitaya ka thupana mo dithutong tsa bone.

Moemedi wa BOT50, le ene e le modiri wa seromamowa Rre Hendry Letshwiti, o ne a rotloetsa morafe go ipaakanyetsa boipuso ja monongwaga ka tlhwaafalo, le go iponatsa ka go apara mebala ya fologa ya lefatshe leno.

O ne a gatelela tiriso ya puo ya Setswana  le gone go somarela ngwao, a re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka sekano le pina ya setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 08 Sep 2016