Lekgotla le rotloetsa thuo ya dihutshane
07 Sep 2016
Mokwaledi wa lekgotla la thuo ya dihutshane la Small Stock Industrial Federation Botswana (SIFB), Rre David Headman a re maikaelelo a lekgotla la bone ke go rotloetsa thuo ya dihutshane le go godisa kgwebo ya tsone.
O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela nama ya dihutshane o o neng a rulagantswe ke lekgotla la Tikologo Small Stock Farmers Association mo Letlhakane ka Matlhatso. Rre Headman a re tiro e nngwe ya lekgotla la bone ke go tlhofofatsa puisano fa gare ga puso le barui ba dihutshane. Rre Headman a re lekgotla la bone le okametse makgotla a dihutshane mo Botswana, a tlhalosa gore ke dikgaolo di robabongwe fela tse di setseng di na le makgotla a e bileng a dira sentle.
A re ba ruta barui ba dihutshane le ope yo o dirisang ditswa dihutshaneng le ope yo o batlang go lemela dihutshane dijo.
O tsweletse a re ba tshwara ditshupo gore barui ba kopane ba rutane maele a thuo le tlhokomelo ya dihutshane, le gore ba bue ka lentswe le le lengwe gore lentswe la bone le utlwale.
Rre Headman a re gape ba na le thulaganyo e gantsi ba rotloetsang makgotla a dihutsane go e dira e e bidiwang Meat Festival Mutton Shevon e mo go yone go dirisiwang nama ya nku le podi fela e le go rotloetsa barui ba dihutshane. A re ba setse ba lemoga gore ngwaga o o fetileng ba ne ba dirile ditshupo kwa motseng wa Paje, ngwaga ono ba ne ba di dirile kwa Sesung kwa kgaolong ya Kweneng mme tsotlhe di ne di atlegile. O ne gape a re ba rotloetsa dikgaolo tse di sa ntseng di saletse kwa morago mo go simololeng makgotla a dihutshane. A re ba batla go godisa bogwebi jwa dihutshane.
Mogolwane wa tsa tikologo gotswa kwa moepong wa Orapa, Rre Mbakiso Sebina o akgotse mokgatlho wa dihutshane wa Tikologo a re o tlaa thusa barui ba dihutshane gore ba bone mmaraka. Rre Sebina a re mokgatlho o wa Tikologo o tlhamilwe ka ngwaga wa 2010 ka thotloetso ya lekalana la Bird Life Botswana ga mmogo le lephata la temo-thuo. A re mokgatlho oo o agilwe ka barui ba dihutshane ba kgaolo ya Boteti Botlhaba.
A re mokgatlho wa Tikologo o santse o na le dikgwetlho tsa letlhoko la madi, bogodu jwa leruo, mmaraka wa ditlhwatlhwa tse di maleba,tlhaelo ya mahudiso kana mafelo a go ruelwang mo go one ga mmogo le malwetse a dihutshane a a batlang go tsibogelwa ke banaleseabe.
O ne gape a rotloetsa maloko a mokgatlho oo go dira ba le seoposengwe le banaleseabe gore ba tle ba fitlhelele maikaelelo a lekgotla.
Rre Sebina yo o neng a tsile mo boemong jwa mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa (OLDM) a re ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone. Ba meepo ya OLDM ba ne ba abela mokgatlho wa Tikologo madi a a kana ka P10 000 gore ba a dirise mo moletlong wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : moletlong wa go ipelela dihutshane
Date : 07 Sep 2016






