Bodigaratsi bo ka namola
07 Sep 2016
Modiri wa ofisi ya banana metshameko le ngwano mo Lobatse, Mme Letlhogonolo Gaelebale, o rotloeditse banana go itshetsa ka bodiragatsi.
Mme Gaelebale o buile jalo ka Matlhatso jaaka jaaka go ne go tshwerwe dikgaisano tsa kgaolo mo Lobatse, a re banana ba bantsi ba mo mebileng ka go sena kwa ba tshwereng teng.
A re ka jalo, maikaelelo mangwe a lephata le, ke go ntsha banana mo mekgwatheng, le gone go ema kgatlhanong le ditiro tsa botlhokatsebe, mme ba supe ditalente tsa bone ba itshetse ka tsone.
Mme Gaelebale a re tsosoloso ya ditalente e tlaa ba rotloetsa go ipatlela letseno la madi le gone go tlhamela banana ba bangwe diphatlha tsa mebereko go ka tokafatsa matshelo a bone.
Mo letsatsing leo, go ne go nkgisana magwafa ditlhopha di le nne tsa bodiragatsi mme setlhopha sa Surbubs College sa gapa maemo a ntlha.
Mo go tsa mmino wa setso, go ne go gaisana ditlhopha di le tharo, mme setlhopha sa Morewakgang, sa feta ka tse di tsididi, go gapa maemo a ntlha, fa poko ya setso, yone ya bo e tshologetswe ke baboki ba ferabobedi, mme Rre Kago Malele a gapa maemo a ntlha, a latelwa ke Rre Abel Sename le Lesego Babusi.
Go sale foo, ba diletso tsa setso le bone ba seka ba rata go salela kwa morago, jaaka ba ne ba supa bokgoni le maitemogelo a bone mme mmantswitswidi wa segaba, Rre Onalenna Raleswele a ikgapela maemo a ntlha fa Rre Ikgopoleng Maase a ikgapetse maemo a ntlha morago ga go supa bokgeleke mo go letseng setinkane.
Mo go tsa mmino wa dikhwaere, go ne go gaisana dikhwaere di le tharo, mme khwaere ya Mosu ya tsaya maemo a ntlha. Dikgaisano tse di tshwerwe ka setlhogo se se reng “Tshaba e e kopaneng e bile e ipelafatsa”.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : dikgaisano tsa kgaolo
Date : 07 Sep 2016






