Breaking News

Dikgosi di gakolotswe go emela molao wa thekiso ya bojalwa ka dinao

07 Sep 2016

Bogosi bo gakolotswe go diragatsa dithata tsa jone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa setso le gone go bona gore melawana e e laolang thekisoe e salwa morago.

Kgakololo e e dirilwe ke  mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao  kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng ka Labone fa dikgosana tsa  Serowe di etetse malwapa a a rekisang bojalwa jwa setso.  

Rre Toteng a re bogosi  bo tshwanetse go thomamisa gore go  rekisiwa majalwa a setso a a letleletsweng fela le go  bona gore go salwa morago dinako tsa thekiso. Majalwa a setso a a letlelelwang mo malwapeng ke  mokuru o o dirilweng ka mabele,khadi  e e   dirwang ka moretlwa,setopoti sa magapu,bojawa  jwa morula le jo bo  dirwang ka phaletshe le madila.

O ne a supa fa diletso di sa letlelelwe mo dipotong.

Mongwe wa dikgosi tse di neng di le teng koo, Kgosi Oleosi Serite wa kgotla ya Mauba o ne a  gakolola barekisi ba bojalwa  go nna ba  ikwadisa mo dikgotleng tsa bone gore bone e le dikgosi ba itse gore go nowa kwa ga mang,a tswelela a ba kopa go obamela dinako.

Moemedi wa mokgatlho o o  mo letsholong la twantsho nnotagi wa Tsela Kgopo Cultural Group Rre Warona Ramaribana  o ile a ba kopa go nna ba tlhatswa dikupu  tse ba tshelang majalwa a bone mo teng go babalela botsogo jwa bareki ba bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa  banwi ba bojalwa go ja  pele ba tla go nwa.

 Morulaganyi wa  lekalana la Fokotsa Dino mo Serowe District  Health Management Team e bile e le mooki kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Malebogo Motsokono a re bojalwa bo baka ditlhalano le dipolaano mo malapeng ka bontsi, jalo ba bone go le botlhokwa go  kopa kgosana go buwa le batho mo dikgotlaneng tsa bone ka bodiphatsa  jwa nnotagi.

Mme Mmamotsokono  o tlhalositse fa  dipoto ka bontsi di bitswa maina a a sa kgatlheng go lebeletswe gore go diragala eng teng,di bitswa  bo bolola,ditshupo,UB,tlhatswa lesire le, bo moreomabele.

Bogosi bo ile ja tsamaya le dipoto di le mmalwanyana,mme se seng se gakgamatsa  ke gore di ne di butswe tsotlhe mme nako ya bobedi mo tshokologong e  ise e goroge,gape go se phepa,go sena ntlwana ya boitiketso fa e le teng e sena lebati le fa e le gone go rulelwa tota. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 07 Sep 2016