Ba kopiwa go tlhagafalela mananeo
07 Sep 2016
Tona wa temo-thuo o kopile banni ba Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi go dirisa mananeo a puso gore ba intshe mo lehumeng.
O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa motseng o o ka Labotlhano.
Tona o boletse fa maikaelelo magolo a mananeo e le go namola Batswana lehuma mme ka jalo le bone ba tshwanetse gore e re ba sena go a neelwa ba a tshware ka maatlametlo.
Rre Ralotsia o supile fa go tsaya lenaneo a bo o sa le dirise jaaka go dumalanwe e le tshenyetso setshaba. Kgosi Keleohile Phihadu wa Werda ene o ne a bolelela tona gore ba itumelela mananeo a puso ka jaana a tlhamela batho ditiro le gone go ba ntsha mo lehumeng.
O supile fa motlhala wa mananeo o papametse mo go ba ba a tshwarang sentle mme a ngongorega gore sebe sa phiri ke gore bangwe ba tsaya mananeo ao mme ba a tshware ka ntlha tsa menwana.
Tona wa temo-thuo a re kgang e kgosi a e buwang wa e itse ka jaana o tlhola a bona batho ba latlheletse dilo di tshwana le menontshane e ba e abelwang go e dirisa mo temong ka ba tsaya gore ke dilo tsa mahala.
O ba boleletse gore ga go na sepe sa mahala se se tswang mo pusong ka jaana go abo go dirisiwa madi a setshaba mme ka jalo le bone ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go neela tshwene marapo ka gore ga gona yo o itseng gore puso e tlaa kgona go ntsha dithuso tseo go fitlhelela leng.
O tsweletse ka go bolelela badirelapuso gore le bone ba tshwanetse go thusa batho ka nako mme e bile ba ntsha dithuso tse di feletseng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Tuelo Kesenkile o supile fa ba itumeletse gore puso e bo e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo le gone go ba tsisetsa dikantoro tsa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ka di rekisa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
O kopile tona gore puso e ba thuse ka matlo a badirelapuso a tlhalosa fa seemo sa letlhoko la boroko se tshwenya bobe ka gore badirelapuso ba felela ba sa kgone go tla go berekela mo motseng wa bone mme se se kgoreletse go isa ditlamelo kwa bathong.
Tona o boletse fa letlhoko la boroko le ka arabiwa ke bone ka go aga matlo, a tlhalosa fa puso e le malala a laotswe go ka hirisetsa bodiredi mo go bone, a tlatsa ka gore thulaganyo e e ka ba thusa le ka go nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : WERDA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Sep 2016






