Breaking News

Busetsang serodumo sa temo - Maele

07 Sep 2016

Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, o kopile balemi go busetsa serodumo sa temo kwa se neng se le teng fa lefatshe leno le tsaya boipuso.

Rre Maele o ne a bua jalo ka Mosupologo kwa masimong a Marumantsho gaufi le Gootau kwa lephata la temo le neng le phuthile balemi ba kgaolo-potlana ya Palapye go ba ruta ka go dirisa ditsompelo tsa segompieno tsa go somarela bokgola.

Rre Maele a re fa lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, temo e ne e le konokono ya itsholelo mme mo nakong eno seemo se fetogile thata.

A re ka nako ya lefatshe leno le ipusa temo e ne e tsaya masome a mabedi go ya kwa go masome mabedi le motso mo lekgolong ya itsholelo ya lefatshe leno mme mo nakong eno e wetse kwa tlase fela thata ka e tsaya boraro go ya kwa go bone mo lekgolong jwa itsholelo ya lefatshe leno.

A re selekanyo sa dijo tse lefatshe leno le di rekang go tswa kwa lefatsheng la South Africa ke masome a robabobedi mo lekgolong ka jalo ke nako ya gore lefatshe leno le itirele dijo   

Rre Maele, yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, a re seemo sa loapi se fetogile mo malatsing ano mme ga se sa tlhole se tshwana le pele ka jalo bontsi jwa balemi ba ekabong e le bone ba tsosolosang serodumo sa temo ba felela ba tsaya temo gore ke kwa ba intshang bodutu teng fela. 

Ka jalo Rre Maele o ne a gwetlha balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo ka ke yone e ka nnang kgwebo ya bone. 

O ne a rotloetsa balemi go dirisa mothale wa go somarela bokgola le go somarela lefatshe le ba lemang mo go lone a bolela fa mo nakong e e fetileng go ne go sa tlhokafale gore go dirwe jalo.       

Rre Maele a re go botlhokwa gore e re molemi a lema a leme mo go lekanetseng gore a kgone go tlhokomela dijwalo tsa gagwe a bo a kgone go ntsha dijo tse dintsi.

O ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo ya ngwaga ono ka ba tepo loapi ba setse ba boletse fa ngwaga ono e tlaa nna o monamagadi.

O ne gape a ba kopa go lema nako e sa ntse e le teng ka ba tlaa roba pele mme ba bona dipoelo tse di botoka ka ditlhwatlhwa di ka nna botoka.

Rre Maele o ne a kopa balemi go emisa go itseela kwa tlase ntswa ba le botlhokwa e bile setshaba se ikaegile ka tse ba di dirang.

Rre Maele o ne a itumelela letsatsi leo la go ruta balemi ka go somarela bokgola a bolela fa go rutwa balemi ba le mokawana go tla ba thusa go abelana megopolo.

Mme Velleminah Pelokgale yo e leng mmabalemisi wa kgaolo ya Legare o ne a re ba ne ba tshwara letsatsi la go ruta balemi ka go somarela bokgola ka dinako di fetogile e bile methale ya temo e e neng e dirisiwa pele e fetogile ka jalo balemi ba tshwanetse ba nne ba rutuntshiwa gore ba bone dipoelo tse di botoka.

O tsweletse a re ke thuto ya ntlha e ba e dirileng mme ba tlaa tswelela le dithuto tse dingwe tse di latelang e ntse e le ka methale ya segompieno ya temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GOO-TAU

Event : POTSOLOTSO

Date : 07 Sep 2016