Ba Moshaweng ba itumelela molelo
06 Sep 2016
Kgosi ya motse wa Moshaweng, Kgosi Kegobonye Maruping o supile fa ba sa le ba letile molelo wa kgolagano, ka ba ntse ba o utlwalela kwa metseng e mengwe e bile ba ipotsa gore go ya go diragala eng ka letsatsi leo.
O buile se fa a amogela baeng kwa kgotleng ya gagwe ka letsatsi la molelo wa kgolagano ka mafelo a beke. O ne a supa fa lesedi la molelo wa kgolagano le beilwe mo pepeneneng a solofela fa le tla a bonesetsa motse wa gagwe.
E rile fa a tlhalosa ka ditso tsa motse oo, Rre Thebe Mokgosi a tlhalosa gore motse wa Moshaweng o tlholegile kwa Mmakehupetse magare ga dingwaga tsa 1920 le 1930, ka batlapele ba ne ba okilwe ke metsi le diphologolo tse di neng di nna foo. O ne a supa gore e rile ba lemoga fa go sa tlhole go na le metsi, ba fudugela kwa Gasese, go atamela metsi kwa didibeng tsa Moshaweng.
O boletse gore merafe ya motse wa Moshaweng e farologanye, bangwe ba ne ba tswa Kgalagadi, bangwe Gammangwato, Mokwena le kwa Gangwaketsi.
O tlhalositse gore e rile mo tsamaong ya nako, fa ba sena go ikagela sekolo ka boithaopo ka ngwaga 1969, leina la motse la Gasese la fetoga mme ga bidiwa Moshwaweng.
O tlhalositse fa ba ba neng ba tswa Kgalagadi, ba ne ba feta ba thibelela kwa Kubung, mme ba phatlaladiwa ke lenyora, mme ba ne ba okiwa ke monnamogolo Lenkemetse ba bo ba fudugela kwa Moshaweng.
Rre Mokgosi o tlhalositse fa botshelo bo ne bo le bokete nako eo, ba ne ba tshela ka go thugela Bakwena mabele, mme ba bo ba a ja moroko.
Fa a tlhalosa ka ditso tsa sekolo, Rre Othusitse Maruping, o ne a supa fa sekolo sa Moshaweng se simolotse ka ngwaga wa 1969, go ne go agiwa matlo a marantafole a le mabedi gaufi le kgotla.
O supile fa ba ne ba se fudusa ka ngwaga wa 1970, mme se na le bana ba le fa gare ga lekgolo le makgolo a mabedi. O supile fa bana ba le bantsi ba ne ba tlogela sekolo ka ntlha ya lenyora, mme bana ba supa fela ba ne ba kgona go kwala lekwalo la bosupa, fa bana ba le babedi ba tsaya matshwao a ntlha le a bobedi, fa ba batlhano ba ne ba tsaya a boraro (c).
Mogokgo wa sekolo seo, Mme Bajaki Bulawa, o tlhalositse fa sekolo seo se dira sentle mo maduong a lekwalo la bosupa, ntswa ba na le tlhaelo ya matlwana a borutelo.
Mme Bulawa o supile fa ka ngwaga wa 2013, sekolo seo se ne sa fenya ka matshwao a 76 per cent, sa dira 72 per cent ka ngwaga wa 2014, fa ngogola se tsere 76 per cent.
Fa a tlhalosa tebelopelo ya banana, Kagiso Bafitlhile a re lesedi la molelo wa kgolagano le raya go le gontsi mo go bone, a supa fa banana ba motse wa bone ba sa akole mananeo a puso ka ntlha ya go sa bopagana.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MOSHAWENG
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 06 Sep 2016






