Makhanselara ba lela ka kgaogano ya madi
06 Sep 2016
Makhanselara a khansele potlana ya Maun ba supile matshwenyego ka kabo ya madi a boipuso mo kgaolong ya bone.
Makhanselara ba supile matshwenyego mo bokopanong jwa khansele ka Mosupologo.
Ba re madi ga a kgaoganngwa sentle ka dikgotlana dingwe tsa Maun di sa fiwa sepe, mme ntswa di na le dipalo tsa batho ba bantsi go na le mafelo a mangwe a a kwa ntle ga Maun.
Mokhanselara wa Gxhabara, Rre Vepaune Moreti o ne a re o a tshwenyega ka kgaolo ya gagwe e sa fiwa sepe, mme e na le batho ba palo e e tshwarang 3000.
Mokhanselara wa kgaolo ya Bojanala, Rre Luke Motlaleselelo ene o ne a ngongorega gore dikgaolo tsa gagwe jaaka Ditshipi ga di a fiwa sepe ka gore ke metsana e e sa thomamisiwang. A re bogolo dipalo tsa metse eo, di ka bo di baletswe mo motseng wa Shorobe.
Rre Motlaleselelo o ne a re boipuso jwa ngwaga one ke jo bogolo mme go ka nna molemo fa bone bo ka akolwa ke mongwe le mongwe fa a leng teng, go na le go tsamaya sekgela go ya metseng e e thomamisitsweng.
Le fa go ntse jalo, molaodi wa kgaolo potlana ya khansele ya Maun,Mme Angelina Leano o ne a tlhalosa fa madi ao a boipuso a kgaogantswe ka metse e le masome mabedi e e mo khanseleng potlana ya Maun go lebilwe dipalo tsa metse eo.
Mme Leano o ne a re madi ao, le one a ne a se mantsi mo go kalo, ka jalo a re metse yotlhe e itse metsana ya yone, mme a re o dumela fa boipuso botla a jewa sentle.
O ne a tlhalosa fa go dumalanwe le ba komiti kgolo ya dikgaolo tsa metse (umbrella VDC) gore boipuso bo jewe ka Lwetse a le masome mabedi le boraro (23) mo dikgaolong le mo dikgotlaneng gore boipuso jo bogolo jwa Botswana bo atlege ka thologelo ya batho e e ko godimo, eseng jaaka go ne go diragala pele bangwe le bangwe ba ipelela kwa dikgotlaneng tsa bone.
Le fa go ntse jalo, Mme Leano o ne a kopa maitshwarelo mo makhanselareng gore ba bo ba ne ba sa tlhalosetswa ka se, a re batla a baakanya phoso e e diragatseng.
O ne a re kana ba dirisana le maloko a dikomiti tsa VDC mme ba itse fa makhanselara e le maloko a a haphegileng a dikomiti tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 06 Sep 2016






