Breaking News

Puso e tshwere ka natla - Tsogwane

06 Sep 2016

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a re puso e tshwere ka natla gore banni ba metse e e kwa dikgaolong ba kgone go nna le itsholelo e e botoka.

A re puso e dirile mananeo a a farologaneng a nyeletso lehuma, a mo go one go nang le mananeo a a farologaneng a go thusa Batswana go intsha mo lehumeng. 

Rre Tsogwane a re se se ka kgonagala fa maphata a a kwa dikgaolong ba ka diragatsa se se tshwanetseng sa go bona gore mananeo ao a tsamaisiwa sentle, le go bona gore ba ba dirang ka diatla ba kgona go bona mmaraka.

Rre Tsogwane ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Lerala bosheng.

 A re lephata la gagwe le itebagantse le go tlhabolola matshelo a batho.

O tsweletse a re batho ba tshwanelwa ke gore ba itirele kwa magaeng, mme go ikaegilwe thata ka maphata a a kwa dikgaolong gore a thuse ka mmaraka.

Mo go tse dingwe, Tona Tsogwane o ne a tsibosa banni ka molao wa bana wa 2009, a bolela fa molao oo o tlhokana le go tshwaraganelwa ke botlhe go bona gore ba sireletsegile le go bona gore a ga ba dirisiwe botlhaswa.

O ne a rotloetsa banni go bona gore ngwana o sireletsegile ka nako tsotlhe le gore ba ba gatakang ditshwanelo tsa bana ba tseelwe dikgato tse di maleba.

A re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sirelediwa mo go dirisiweng botlhaswa.

Rre Tsogwane a re puso e tshwentswe ke maitshwaro a banana bangwe ba ba duleng mo tseleng mme ba felela  ba dira ditlhopha tse di ipitsang maina. A re ka jalo go dirilwe thulaganyo ya go kopanya banana le go ba rutuntsha ka tsa botshelo gore ba tsene mo tseleng.

A re puso e tla a dira gore mo ditogamaanong go ya pele, go tlhabololwe bodiredi jwa makgotla a Setswana. 

A re e rile mo bosheng, ga simololwa go rekelwa makgotla a Setswana dikoloi le go tsenya maranyane a internet mo diofising tseo.  

O ne a itsise banni fa go tla a agiwa dikgotla tse di masome mararo mo lefatsheng lotlhe ka bophara.

O ne gape a lebogela ipaakanyetso ya boipuso kwa motseng wa Lerala, a bolela fa boipuso jwa ngwaga ono e le jo bo pharologanyo, ka go tla a bo go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa ka kagiso.

E ne e rile go le pele, Kgosi Sello Moroka wa motse wa Lerala, a kopa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go tlhabolola bodiredi  jwa makgotla a Setswana, ka go ba isa dithutong tse di farologaneng fela jaaka ba maphata a mangwe.  

A re dithuto tseo di ka dira gore makgotla a Setswana a dire go feta jaaka a dira.

A re bogosi le jone bo tshwanetse bo tlhabololwe ka dithuto tse di maleba, ka go dira le maphata a a farologaneng. Kgosi Moroka o ne a lebogela puso go bo e tsweletse ka go tlotla bogosi.

O tsweletse a itsise Tona Tsogwane fa morafe wa gagwe o gatetse pele ka dipaakanyetso tsa boipuso jwa ngwaga ono jwa dingwaga tse di masome a matlhano.

Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele o ne a bolela fa go na le selelo mo makgotleng a Setswana sa gore lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ga le lebe makgotla a Setswana jaaka maphata a mangwe a a mo lephateng leo.

A re gangwe le gape ba tlhoka dilo tse di farologaneng ka jalo o ne a kopa tona go tsenya leitlho thata mo makgotleng a Setswana ka go nna go na le dilelo ka nako tsa diphuthego tsa kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 06 Sep 2016