Breaking News

Kgosi Gaothuse o leboga puso

05 Sep 2016

Kgosi Matausu Gaothuse o lebogetse puso ya batho ka batho, a supa gore fa esale  e nna teng, sengwe le sengwe se bo se nna bobebe.
  O boletse se fa a amogela molelo wa kgolagano kwa motseng wa gagwe, a supa fa a solofela gore molelo o, o tsile go ba golaganya go feta jaaka ba ne ba ntse.
   Fa a tlhalosa ka ditso tsa motse oo, Rre Tsogo Baebele o tlhalositse fa motse oo o ne o bidiwa Mososope, mme go sena ditlhabololo dipe fela le one metsi, ba ne ba latela mabentlele kwa Kokong.
  O tlhalositse fa Kgosi Kgari a ne a sale mo botshelong nako eo, mme a roma morongwa wa gagwe go ya go ba tlhalosetsa ka metsi a a bonyweng kwa Sedibeng sa Motokwe, mme a ba kopa go fudugela teng.
   O tlhalositse fa morongwa wa kgosi a ne a kopana le Rre Kgosietsile, mme ba ya kwa Motokwe go ya go bona metsi ao, mme erile fa a sena go bona metsi a a kwa Motokwe ka ngwaga wa 1957, a ne a  boela kwa morafeng go buisa phuthego, mme morafe wa dumela go fudugela kwa Motokwe ka 1958, ga bo go sala batho ba se kae fela.
   O tlhalositse fa Kgosi Kgari a ne  a tlhalosa fa batho ba ba setseng ba dirile sentle ka ba tlaa disa molelwane wa Bakwena.
    O tlhalositse gore fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso, go ne ga simololwa go epiwa matamo, batho ba tshela ka temo le ka diphologolo.
    Rre Baebele o tlhalositse fa erile ka 1973 ba simolola sekole se ba se ikagetseng sa mophato wa ntlha le wa bobedi, ba batla barutabana ba ba rutang bana ba, a supa fa ka ngwaga wa 1975 puso e ne ya ba tsisetsa barutabana, mme ka ngwaga wa 1978 khansele ya Kweneng e ne ya tswala sekole se e supa fa barutabana ba sone ba sotlega, ka go ne go sena metsi.
   O tlhalositse fa ba ne ba seka ba ineela ka ba ne ba batla sekole go fitlhela puso e se ba agela, mme ba agelwa le kokelwana le diofisi tsa kgotla, ba ne ba tsenyediwa megala ya ditlhaeletsanyo le go agelwa tsela. O supile fa jaanong ba tshelela mo manobonobong, a supa fa ba tlhaela fela ka motlakase.
    Fa a tlhalosa ka maikaelelo a banana Rre Malaki Maphale, o ne a kopa banana go sala motlhala wa batsadi ba bone morago, a supa fa ba lwetse motse wa bone go fitlha o nna se o leng sone gompieno.
  O ba kopile gape go ikgapha mo nnotaging ka e bile Tautona wa lefatshe leno a sa e rate, mme ba gwetlhege go tsena dikomiti tsa motse, ba tlotle batsadi ba bone ba bo ba tlogele le tsone dipolaano. Rre Maphale o kopile banana go ikgapha mo dilong tse di utlwisang batsadi ba bone botlhoko, a supa fa batsadi ba felela ba tsenwa ke malwetse a sukiri le madi a matona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TSETSENG

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 05 Sep 2016