Breaking News

Botshelo bo fetogile

05 Sep 2016

Go tlhalosiwa fa botshelo bo fetogile kwa motseng wa Khekhenye, fa puso e sena go kgobokanyetsa banni ba koo kwa motseng wa Khekhenye  ka ngwaga wa 1991, ba go tlhalosiwang ba ne ba nna mo dithoteng tse di farologanyeng.
  Mafoko a, a boletswe ke Rre Kgogwe Kgonkane fa a ne a tlhalosa ditso tsa motse wa Khekhenye bosheng ka letsatsi la molelo wa kgolagano kwa motseng oo.
  Rre Kgonkane, o tlhalositse fa go ne ga epiwa sediba kwa motseng wa Motokwe ka ngwaga wa 1958, mme ba fudugela koo ba latela metsi.
  O tlhalositse fa erile ka ngwaga wa 1979 puso e ne ya ba kgobokanyetsa kwa Morabeng, a supa fa botshelo bo ne bo le bokete ka ba ne ba tshela ka go epa mafuti go batla metsi.
  O boletse gape fa puso e ne ya ba fudusetsa kwa motseng wa Khekhenye kwa go neng go na le sediba teng ka ngwaga wa 1991, a tlhalosa gape fa ba fitlhetse sediba seo se bidiwa Khekhenye.
  Rre Kgonkane o tlhalositse fa jaanong ba tshela jaaka mongwe le mongwe, ba sa tlhole ba tshela ka kgengwe jaaka bogologolo.
  E ne erile a amogela baeng Kgosi Sekelere Kgope wa Khekhenye, a supa fa go nyatsana e le gone go tsalang dilo tse di sa siamang.
  O tlhalositse gape fa go sa tshwanela gore motho a swe a bolailwe ke yo mongwe, mme go le botlhokwa gore motho a swe leso la tlholego.
  Monana, Rre Tsheko Mogorosapula, o tlhalositse gore jaaka fa ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, banana bangwe bone ba setse ba tsere mananeo a puso a farolaganeng.
   O tlhalositse fa banana ba motse wa Khekhenye ba na le ditalente tse di farologaneng.
Kwa motseng wa Motokwe, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka, o ne a tlhalosa gore fa o bona lefatshe leno le tshelela mo kagisong e e kanakana, le thaetswe mo bukeng e e boitshepo.
O boletse fa molelo o o raya go le gontsi mo go bone, ka jalo a kgothatsa botlhe gore molelo o e nne lesedi mo go bone.
Fa a tlhalosa ka ditso tsa Motokwe, Rre Gaoselwe Kalate,o ne a tlhalosa fa batho ba Motokwe ba ne ba nna kwa Tsetseng, mme ba tshela ka metsi a a letswai, mme ga phunngwa sediba kwa Motokwe, se le sone ba fitlhetseng se bidiwa Motokwe.
Rre Kalate o boletse fa ka taolo ya ga Kgosi Kgari, a ne a ba kopa gore ba fudugele kwa motseng wa Motokwe, mme batho bangwe ba se kae ba sala kwa Tsetseng.
O tlhalositse fa ka ngwaga wa 1962 go ne ga tla morutabana a bidiwa Kebopetswe,  a tla go rutela bana kwa kerekeng ya Lontone, a tlhalosa fa kgosi ya ntlha ya motse oo a ne a bidiwa Rre Kgosietsile.
Monana Rre Jacob Kelebeng o ne a tlhalosa fa banana ba motse ba eletsa go isa motse wa bone kwa pele, a tlhalosa fa ba tshwanetse go kopanela mathata a motse wa bone le puso.
O tlhalositse fa mathata a motse wa bone a matona e le go latela ditlamelo kgakala kwa motseng wa Letlhakeng, mme ba kopa go thusediwa kwa motseng wa bone.
Mme Lillian Kasoko, o ne a tlhalosa fa kokelwana ya motse oo e simolotse go bereka ka ngwaga wa 1975, mme a ne a bereka a le mmaboitekanelo a le nosi mo go yone, mme go ne go sena sepe se se tsayang balwetse go ba isa kwa kokelong ya Kang, mo ka dinako tse dingwe a neng a kopa beng ba diterekere go ba isetsa balwetse koo, mme go tseye sebaka go goroga koo.
O tlhalositse gore ka ngwaga wa 1978 go ne ga okediwa  bodiredi jwa kokelwana, ga tlisiwa mooki, mophepafatsi, mokgweetsi ga mmogo le koloi ya balwetse.
Mme Kasoko o boletse fa gompieno kokelo eo e tlhabologile thata e bile e ntsha ditirelo tse dintsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : KHEKHENYE

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 05 Sep 2016