Lebentlele la Choppies le tswa tautona mokgosi
05 Sep 2016
Mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso a itebagantse le dikitsiso le kgaso , Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o akgoletse lebenkele la Choppies go bo le tsweletse ka go tsibogela mokgosi wa ga Tautona wa lenaneo la go agela Batswana ba ba tlhokileng lesego matlo.
Rre Kaboeamodimo o ntshitse kakgolo eo kwa moletlong wa go rola matlo a supa a a agilweng ke ba lebentlele la Choppies ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki kwa motseng wa Rakops ka Labone.
Rre Kaboeabodimo a re Batswana ba lesego ka ba na le Tautona yo o kgathalang ka matshelo a batho, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le bonno jo bo lolameng.
Rre Kaboeamodimo a re go agela batlhoki matlo go tsisa phetogo e tona mo matshelong a bone, ka jaana bonno bo o fa motho seriti. O tsweletse a re go sego letsogo le le abang, e bile seriti sa motho tlhogo ya kgomo.
A re ke ka moo Tautona a neng a simolodisa lenaneo le ka ngwaga wa 2010, a tlhaba mokgosi ko dikomponeng, makalana a a ikemetseng, ga mmogo le setshaba ka kakaretso gore ba tsenye letsogo.
Rre Kaboeamodimo a re go setse go rotswe matlo a lenaneo le a le makgolo a marataro le masome a mararo le borobabongwe fa a le masome a mararo le bobedi a sa ntse a agiwa, a robabongwe one a fedile.
A re maikaelelo a lenaneo gape ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno le le reng tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe.
Rre Kaboeamodimo o ne gape a re o leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo lenaneong le, ba ba akaretsang makalana ka go farologana, dikereke le ba bangwe.
Mogokaganyi wa ofisi ya banalebogole Rre Thomas Motingwa o ne a leboga Tautona ka a ne a lemoga gore banalebogole ba bewa kwa mahuri mme a simolodisa ofisi ya banalebogole ka 2010 ka fa tlase ga ofisi ya gagwe.
Rre Motingwa o ne gape a leboga lebentlele la Choppies le a reng le ne la ba tswa thuso go fitlhela la gompieno ba dira jalo ka go hira banalebogole mo lebentleleng la bone, a tlhalosa gore ba setse ba hirile ba le makgolo a mabedi, ba bangwe ba bone ba setse ba bone mafulo a matalana mme go setse ba le lekgolo le masome a mararo.
Rre Motingwa a re lebentlele la Choppies le tsweletse pele ka seabe sa bone mo go thuseng banalebogole ka jaana mo matlong a supa a a abiwang gompieno a le mane ke a banalebogole.
E rile a lebogela matlo ao, mongwe wa ba ba abetsweng matlo, Rre Kapenavarwe Kaventengure a leboga Tautona, lebenkele la Choppies le banaleseabe ka kakaretso go bo ba bone go tshwanela gore le bone ba nne le bonno jo bo siameng.
Rre Kaventengure o ne gape a rotloetsa ba ba agetsweng matlo jaaka ene ga mmogo le batlhokomedi ba bone go tlhokomela matlo ao gore a nnele ruri mo seemong se se siameng.
Mogolwane wa lebentlele la Choppies, Rre Ramachndran Ottapathu a re ba setse ba agetse batlhoki matlho a le masome a matlhano le botlhano.
Rre Ottapathu a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ka go hira Batswana le go agela ba ba tlhokileng lesego matlo.
E rile fa a amogela batho, Kgosi Gonkgang Mankgatau wa Rakops a re Tautona o segile tema ka lenaneo le la gagwe la go agela ba ba tlhokileng lesego matlo, a bo a ntsha banalebogole ko mahuri ka a ne a lemoga gore ba tlhoka thuso.
Kgosi Mankgatau a re le bone e le magosi mo kgaolong ba dumelane gore magosi a motse mongwe le mongwe ba agele monalebogole wa motse wa bone ntlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebentlele la Choppies le tswa tautona mokgosi
Location : Letlhakane
Event : Go rola matlo
Date : 05 Sep 2016






