Breaking News

Ngwao pinagare - Otlogetswe

05 Sep 2016

Motlhatlhelela dithuto kwa unibesithing ya Botswana, Professor Thapelo Otlogetswe, o gakolotse Bakwena go somarela mekgwa le ngwao ya bone.

Otlogetswe o gakolotse jalo kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Dithubaruba kwa Molepolole ka mafelo a beke.

Ke ngwaga wa bolesome gontse go ipelelwa moletlo o, ka jalo motlhatlhelela dithuto o kaile fa monongwaga go nnile le dintlha dingwe tse di kayang fa o godile jaaka dithuto tsa ditso tsa ngwao le tumelo ya Bakwena.

A re se se botlhokwa mo tshomarelong ya ngwao le ditso tsa Bakwena le Batswana ka kakaretso. Otlogetswe o ne a gatelela botlhokwa jwa gore batho ba itse kwa ba tswang teng ka gore letlhaku le le sha le tle le agelwe mo go le legologolo.

Le fa gontse jalo, motlhatlhelela dithuto o gakolotse gore e re ntswa Dithubaruba di gakolola Bakwena go sireletsa mekgwa le ngwao ya bone, di tshwanetse tsa tlotlomadiwa go bopa setshaba se se gatetseng pele.

A re fa Batswana ba ka fularela ngwao, ba tlaabo bo ba itlhabile ka thipa mpeng. Are ngwao e tshwanetse ya tsosoloswa ya nna sengwe se batho ba ka itshetsang ka sone. 

Otlogetswe o file sekai sa gore kwa Kweneng, bojanala bo ka nonotsha itsholelo ka gore bajanala ba ka bontshiwa ditsa tlholego tse di kgatlhisang leitlho di tshwana dithaba tsa dimawe, legaga la ga Mmasechele, setlhare se se neng se dirisiwa ke Dr. Daving Livingston fa mo Molepolole, ditsa tlholego di tshwana le legaga la ga kobokwe, kgotla, le lefelo la dithubaruba.

O tsweletse ka go supa fa kgaolo ya kweneng e na le dikgeleke tsa poko tse di gaisang lefatshe ka bophara, baopedi le mmino tse go ka ipelafadiwang ka tsone.

Ka jalo o kgotlhaditse morafe go ema ka dinao go dibela ngwao le go sa letla sepe se se ka nnang motsenelela o kgabagare ba ka salang ba itshwere melomo.

Ke ka moo a gateletseng fa ngwao e le yone pinagare ya setŝhaba a tlatsa ka gore se se ka diragala fela fa go na le boeteledipele jo bo nonofileng. Ka jalo a wetsa ka gore “kgomo mogala tshwara ka thata e sere o utlwa sebodu wa kgaoga.”

Erile a tswa la gagwe Kgosi kgolo wa Bakwena Kgosi Kgari Sechele III a rotloetsa botlhe ba ba nang le dikitso tsa ditso tse bana ba gompieno ba senang natso go tlhomamisa gore ba thusana le barulaganyi ba moletlo wa dithubaruba go baakanyetsa moletlo o. 

O bile gape a kgotlhatsa botlhe go tsaya karolo mo go baakanyetseng meletlo e mo nakong e e tlang.

Moemela kgosi ya Bakwena ba Phokeng go tswa Aforika Borwa rre Modisaotsilef Ramokate are se a se lemogileng ke popagano morafe wa Bakwena mono gae le kwa mafatsheng a a mabapi, go itlhompha le go nna le lorato ka gore dilo tse pedi tse fa motho a na le tsone o kgona go tlhompha le go rata ba bangwe.

 Ka jalo o kgotlhaditse Bakwena go tshwaragana ka letso, puo le lorato go ya pele.

Mogokaganyi wa moletlo wa dithubaruba rre Power Kawina ene o tlhalositse fa moletlo oo o itemogela kgolo ngwaga le ngwaga ka seabe sa ba rotloetsi se bonala ebile ba thusitse thata go rulaganyetsa moletlo oo. 

O kaile fa dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go teratelwa ga lefelo mo go dirang gore ba seka ba kgona go kokoanya letseno le le lekaneng le le ka dirang gore ba ikemele ka nosi di tla fokotsega ka jaana museum o ya go agiwa ko lefelong leo. 

Are se se tla thusa gore lefelo le ditsa tlholego tse di fitlhelwang koo di somarelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Dithubaruba

Date : 05 Sep 2016