St John e bula kago ya Tati Siding
05 Sep 2016
Moeteledi-pele wa kereke ya St John Botswana kwa Francistown, Archbishop Andrew Ndubano, o galeleditse maloko a kereke eo ka go tshegetsa mowa wa boipelego.
Archbishop Ndubano o buile se kwa Tati Siding ka Matlhatso fa a ne a bula semmuso nngwe ya dikereke tsa St John e e agilweng ka mowa wa boipelego.
O rotloeditse maloko a kereke eo go tswelela ka go tshwaragana le go dira ditlhabololo lefatshe ka bophara. Moruti o supile fa ba setse ba agile dikereke di le 174 mo Botswana jotlhe, a re go tlhatswa maikutlo go bona maloko a kereke a itirela.
A re kereke e santse e tlaa anama le go tlhabologa go feta gompieno fa go lebilwe gore kago ya tse dingwe e tsweletse ka botswapelo.
O lebogile thata ba lwapa loo rra Seitiso, loo rra Mokgosi, le loo rra Mojuta go dira ka mowa o le mongwe go le thata go le boima go fitlhelela ditoro tsa bone di atlega.
Archbishop Ndubano o tlhalositse fa kemo nokeng ya bone mo lwapeng loo rra Mokgosi la go aga kereke e supile go menagane mowa wa boipelego.
A re ditlhabololo di bonwa ka dikago mme fa dikago di se teng ga go na ditlhabologo.
Archbishop Ndubano a re o lebogela maloko a dikereke tsa St John go bo ba bone go tshwanela gore ba rapelele mo mafelong a a boitshepo a a kgethegileng e seng mo mo malwapeng.
Fa a amogela baeng Kgosi Dineo Boitshepo wa kgotla ya Newstance, a re kereke ke motheo wa bomolemo, e bile bone ba sa ntse ba tshegeditse tumelo.
Kgosi Boitshepo a re mafatshe a a latlhileng tumelo ba tshelela mo ditweng mme bone ga ba eletse go bona tshololo ya madi mo lefatsheng leno ka jalo a rotloetsa maloko ao go tswelela ka mowa o boitshepo wa go ruta setshaba.
Bishop Terrence Seitiso a re thulaganyo ya go aga ntlo ya thapelo e simologile ka ngwaga wa 2004, ka P484 fela ka nako eo.
Bishop Seitiso o supile fa ba ne ba tshwaragane ka mowa o le mongwe mme ba kgobokanya madi ka go dira dikhonsata ga mmogo le mekolokotwane go aga kereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TATI SIDING
Event : Pulo ya kago
Date : 05 Sep 2016






