Ba ga Mmanaana ba gorosa dikgafela
05 Sep 2016
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo-thuo.
Kgosi Mosielele o buile jalo ka letsatsi la go ipelela dikgafela le go bolotsa letsema kwa Moshupa bosheng.
A re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso.
A re go tlhabisa ditlhong gore mo bogompienong e bo Batswana ba itirile bakopi ntswa ba na le dithata le ditsompelo tsa go itemela.
O kopile baeteledipele go rotloetsa batho go emela temo ka dinao ka ke yone ba ka itshetsang ka yone.
Kgosi Mosielele o boletse gape fa dikgafela di supa thulaganyo ya ngwao ya Setswana bogolo jang e e supang serodumo sa bogosi.
A re gore dikgafela e bo di bolodiwa kwa kgotleng ke sekao sa gore bogosi ke konokono ya botshelo jwa Motswana.
A re mo godimo ga moo gape di supa ngwao ka gore dikgafela fa di lerilwe jalo go a bo go lebogelwa thobo mme gape go kopiwa pula.
A re go tsisa thobo kwa kgotleng ke gone jaaka ba gwetlha pula gore ba tswelele ba leme gape.
Kgosi Mosielele a re ka jalo batho ba seka ba nna dipelo tshetlha fa ba tshwanetse go tsisa thobo kwa kgotleng ka jaana se se ka dira gore dipula le tsone di nne boutsana.
A re ba tshwanetse go dira jalo ba golotse dipelo tsa bone gore pula le yone e ne ka tshosologo.
A re e re ntswa puso e leka go tokafatsa matshelo a Batswana, ga ba a tshwanela go itepeletsa fela ba sa itirele.
Kgosi Mosielele a re go lemotshega fa mo malatsing ano Batswana ba thubile kobo segole fela ba lebile mo pusong go ba tshetsa.
A re go bereka ipelegeng ka nako ya temo go itaya batho tsebe e bile go dira gore ba tlogele masimo a sa tlhokomelwe.
A re maikaelelo e tshwanetse go nna go fokotsa palo ya batho ba ba fiwang dijo ke puso, mme seo se ka kgonega fa batho ba ka rotloediwa go lema.
O boletse fa gape batho ba duelelwa temo ka gore bangwe ba tsaya dipeo ba ya go lema e bo ba duelwa mme ba sa tlhokomele dijwalo ba ntsha dijo tse di bonalang.
A re se se ka dira gore batho ba tlhwaafale ba tlhokomele masimo a bone gore ba tle ba bone dituelo thobo e e botoka ba ntshe dijo go ijesa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlhe
Location : Moshupa
Event : dikgafela
Date : 05 Sep 2016






