Balekane ba Botswana ba tsweletse
04 Sep 2016
Balekane ba Botswana mo kgaolong ya legare ba tsweletse pele ka go ipaakanyetsa moletlo o mogolo wa boipuso.
Fa a bua kwa bokopanong jwa komiti eo bosheng,modulasetilo wa komiti, Rre Gibson Kay’Khiwa, a re maikaelelo a bone ke go somarela ngwao go ya dikokomaneng.
A re ba lemogile fa dikano dingwe mo Botswana di sa tlhole di na le bokao jo di neng di na le bone kwa tshimologong fa lefatshe leno le tsaa boipuso.
Rre Kay’Khiwa a re ba tlhophile mmepe wa Botswana, fologa le pina ya setshaba go nna dingwe tsa tse ba tla a a itebaganyana le go di tsosolosa .
O ne a tswelela a tlholosa fa ba setse ba bonye thotletso ya madi a go ruta bana ba dikolo pina ya setshaba le bokao jwa yone le gore go tshwanetswe go itsholwa ka mokgwa ofe fa e opelwa.
Rre Kay’Khiwa a re ba eme puso nokeng mo go tshegetseng matshego a tebelopele ya 2016 ka ba setse ba kgonne go dira ditiro dingwe tse di tsamaelanang le matshego a tebelopelo ya 2016 la go nna chaba e e kutlwelobotlhoko.
A re ba kgonne go thusa bana ba dikhutsana ko motseng wa Tutume ba ba beile ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone e bile ba ikaelela go ba agela ntlo mo isagong.
Rre Kay’Khiwa a re ba setse ba kgonne go aga ntlo ya Setswana ko Sowa gore bana ba bone mohuta wa kago o o neng o dirisiwa bogolologolo ka ba gola ba fitlhela matlo a a pharologanyo
A re ba kgonne gape le go dira moriti ko kgotleng ya Palapye le go agela motlhoka pono ko motseng wa Serowe mme ba kgonne gape le go dira ditiro dingwe ko Bobonong,Tonota le metse e mengwe e e mo kgaolong ya legare.
A re ka thotloetso ya ba lephatla la Banana ,Metshameko le Ngwao ba kgona go tsamaa le metse yotlhe go tlhola ditiro tse di dirwang mo metseng le go thusa fa go tlhokegang thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : MAHALAPYE
Event : Balekane ba Botswana ba baakanyetsa boipuso
Date : 04 Sep 2016






