Breaking News

Sekole sa Rasesa se amogela ntlo ya ditso

04 Sep 2016

Balekane ba Botswana ba abetse sekolo se sebotlana sa Rasesa ntlo ya ditso e e tla thusang bana ba sekolo seo go ithuta ngwao le go itse didirisiwa tsa ditso.
Mogolwane wa Golden Silence, Rre Aaron Ramosako, o ne a akgola Balekane ba Botswana go bo ba bone botlhokwa jwa go boloka ngwao e e tsweletseng ka go wela tlase.
A re e re ka jaana bana ba malatsi ano ba golela mo sesheng, ga ba itse sentle ngwao ya bone mme ntlo eo ya ditso e tlile go thusa fela thata mo dithutong tsa bone.
Rre Ramosako a re e le ba kompone ya Golden Silence ba bone go le mosola gore ba eme Balekane ba Botswana nokeng mo go tshegetseng ngwao gore e seka ya nyelela ka jaana bana ba tla nna le sebaka sa go ithuta ka ditso tsa bone le tsotlhe tse bagolo ba neng ba di dirisa bogologolo majwe a sale metsi.
A re nngwe ya dipilara tsa Tebelopele ya Sechaba ya 2016 ke go nna le tshaba e e rutegileng mme ntlo e ya ditso e tla fa bana sebaka sa go ithuta le gone go bona ka matlho se go buiwang ka sone mme ka jalo ga go ye go nna motlhofo gore ba lebale se ba se ithutileng.
“Ntlo ya ditso ke sone sekolo se se tona se se yang go rotloetsa thuto ya ngwao mo baneng e bile e ya go tshosolosa ngwao”.
Mogolwane wa Balekane ba Botswana mo motseng oo Mme Letsema Mosweu a re e re ka jaana Botswana a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ipusa, ba ne ba gwethega gore ba ka dira eng go supa fa le bone ba ipela le lefatshe leno.
 A re ka jalo ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tsaya tshwetso ya go agela bana ba sekolo ntlo ya ditso ka ngwao e tswelela ka go nyelela bogolo jang mo baneng mme e le bone babusi ka kamoso.
Mme Mosweu a re ntlo eo e tla thusa go lemotsha bana ngwao le go ba ruta gore bogologolo batsadi ba bone ba ne ba tshela jang.
Mogokgo wa sekolo seo Mme Dinah Buisanyang a re ntlo eo e tla ba sologela molemo go menagane ka jaana e tla rotloetsa bana go ithuta ka ngwao le go itse ditso tsa bone.
O ne a leboga Balekane ba Botswana go tla ka mogopolo wa go tshosolosa ngwao mo baneng ka seo se tla nna le maduo a mantle mo isagong ya bone.
Mogokgo Buisanyang a re bana ba tla nna le sebaka sa go ithuta gore bogologolo go ne go tshelwa jang le didirisiwa tse di neng di dirisiwa go itshetsa.
Mookamedi wa thuto mo kgaolong ya Kgatleng Rre Matlhogonolo Mokakapadi a re e le ba lephata la thuto ba lebogela ntlo eo ya ditso go menagane.
A re bana ba tla itse ditso tsa bone ka gore dilo ka bontsi di tla bonwa mo go yone mme seo se tlhofofatse dithuto tsa bone.
O ne a supa gore tiro e balekane ba Botswana ba e dirileng go supa fa batsadi le dikhampane ba tshwaraganetse thuto ya bana mme seo se tla ba tswela mosola fela thata mo go direng sentle ga bone mo dithutong.
O  kopile baeteledipele jwa sekolo le barutabana go tlhokomelo le go babalela ntlo eo ya ditso gore e tswele bana mosola le mo isagong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Rasesa

Event : Balekane ba Botswana ba abetse sekolo se sebotlana sa Rasesa

Date : 04 Sep 2016