Tona o tsibosa banni ka ditlamorago tsa boranyane
04 Sep 2016
Boranyane le boitseanape bo tsile ka ditlhabologo dile dintsi lefa go lemosegile dikgwetlho dingwe jaaka leuba le kgotlelesego ya tikologo
Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, o buile jalo kwa Palapye bosheng fa a ne a abelana le morafe ka tsa lephata la gagwe.
Tona Molefhi a re go mo pusong le one morafe ka sebele gore mathata a a lebaneng lefatshe a ka lwantshiwa jang, mme a supa fa ele maikaelelo a puso gotla ka melao e e ka thusang go lwantsha tse di sa siameleng tikologo mme e le tsa boranyane.
O ne aa fa sekai ka dikoloi tse dikueletsang mesi, a re di supa fa di sa itekanela.
O ne gape a bua ka tiriso ya melemo ya ditsa tlholego a re le yone e tlhoka dipatlisiso tse di tseneletseng kafa e dirisiwang ka teng.
Tona Molefhi o ne tlhalosa fa makalana a a tshwanang la RIIC kwa Kanye, BTC le le le a okametseng la BITRI a tshwere ka natla go dira dipatlisiso tse di tseneletseng
One a fa sekai ka BITRI a re mo nakong eno bamo dipatlisisong go bona gore magala a ka dirwa jang gontsha mafura a dikoloi, go dira sekontere, dipolaseteke le go ka dirisiwa ele monontshane. Rre Molefhi o supile fa gape batshwaragane le ba lefatshe la Canada go lekeletsa maranyane a a ka dirisiwang go tlhatlhobela Tlhako le Molomo mo leruong kwa bolwetse boleng teng gona le gotsaya mosepele go latelwa borenyana kwa Gaborone.
One gape are ba moditekeletsong tsa tiriso marang a letsatsi go fokotsa tiriso ya motlakase segolo jang mo diponeng tsa mekgwatha, mme are ditekeletso tseo di dirwa kwa Gaborone le gore tsone dipone tseo ditlaa agiwa ke ba RIIC kwa Kanye. Are seo seya go fa bagwebi le madirelo sebaka sa godirisa motlakase o o lekanyeng .
Tona one are tiriso eo ya motlakase wa letsatsi wa dipone tsa mekgwatha e tlaa atolosetswa kwa dikgalong go o simolodisa mo go mengwe ya metse e ba tlaa ekgethang.
O ile gape a buwa ka tiriso marenyane a a phunyeletsang, a tshwana Xray are le one lephata la gagwe le ya go a seka seka gore a a siametse badirisi le ba a dirwang mo go bone, are fa ditlhotlhomiso dika supa a sa siama baya go pateletse badirisi go a fokotsa bogale, go lebeletswe botsogo ja setshaba le bodiredi.
Tona one gape a itebaganya le tsa ditlhaeletsano are letsone gona le tsamaiso ya kafa dilaolwang ka teng, mme a kopa morafe go dirisa megala ya letheka kafa tshwanelong are ga e a siamela boboko ka marenyane a tsone ale kwa godimo fela thata.
Rre Molefi re lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetho tsa go sa tlhole le bone dithuso gotswa kwa mafatsheng a sele ka le balelwa mo mafatshing a itsholelo e e fagare. One are teemane e lefatshe leno le itshegileng ka yone kana e ka tlhoka theko nako engwe fa botshelo jone botlaa batla gore botswelele.
Fa ba akgela, Rre Abel Dibona nako e tsile ya gore godiriswe magala mo ditirong tsa selegae, gona le go remeka dikgong tse le tsone difelang, fa bangwe bane bare nako e tsile ya gore bana ba lemoge fa temo-thuo e ka batshetsa gona le gobaya fela mo go thapiweng ke puso, fa bangwe bane ba supa fa bakgokgontshiwa ke bana mo malapeng a bone basa tshele sentle.
Bangwe bane bare a ditiro dingwe le dikompone enne tsa puso gore e kgone gothapa batho ka dipalo tse dintsi, mme fa gotlhokeng baitseanape ba thapiwe gotswa kwantle fa ba seo mono gae, le go beeletsa mo go tsa borenyane go tlhabolola lefatshe leno.
Mme Chilalu Bafaletse one are go ga gamadiwe thata molao wa tiriso ya borenyane ja segampieno ja facebook , watsup le jo bongwe fela jalo, mme a ikuela gape mo go tona ka dituelo tsa metsi tse arileng di kwa godimo fela thata.
E ne erile mo mafokong a gagwe a kamogelo kgosi Masego Olebile a supa fa diltlhabololo di amogelesegile, sebe sa phiri ele gore ditla ka matlhotlha pelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 04 Sep 2016






