Breaking News

Mapodisi a Palapye a tlhotlhomisa dintsho

01 Sep 2016

Mapodisi a Palapye  tlhotlhomisa ditiragalo tse pedi tse mo go tsone borre ba le babedi ba ileng a latlhegelwa ke matshelo ka mafelo a beke kwa Palapye le Dikabeya.

Mookamela mapodisi a seng a seaparo Rre Zachariah Babusi a re mo tiragalong e nngwe rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o ile a latlhegelwa ke botshelo morago ga go tlhabiwa ka sengwe se se bogale.

A re le fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, go supagetse fa rre yoo a ile a tlhabiwa ka selo se se bogale morago ga go tlhoka kutlwisisanyo le yo mongwe ko marekisetsong a bojalwa ko masimong a Dikabeya gaufi le Palapye.

Mapodisi a tshegeditse borre ba le babedi ba dingwaga tse di lesome le bosupa le masome mabedi le boferabongwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Mo tiragalong e nngwe, Rre Babusi a re rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe o ile a tlhokafala morago ga go tlhabiwa ka selo se se bogale ke tsala ya gagwe.

Rre Babusi a re borre bao ba ne ba bereka mmogo ebile e le ditsala.  A re borre bao ba ile ba tlhoka kutlwisisanyo mme yo mongwe a felela a latlhegetswe ke botshelo morago ga go tlhabiwa ka selo se se bogale.

A re tiragalo e e diragetse mo palapye. Mmelaelwa yo  o dingwaga tse di masome mabedi le bone o santse a tshegeditswe ke mapodisi, fa moswi ene a santse a le ko setsidifatsing ko kokelong ya Palapye. Rre Babusi a re ele ba sepodisi ba tshwenyegile thata ka borukutlhi mo motseng wa Palapye le ee mabapi.

A re ke tiragalo ya boraro ya polao go diragala mo kgweding e le nngwe, morago ga gore go belaesege fa ngwana wa sekolo a ile a tlhokafala morago ga gore a tlhabiwe ke yo mongwe ka selo se se bogale ko motseng wa Lecheng bosheng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Pego ya mapodise

Date : 01 Sep 2016