Breaking News

Ngwao tsela le boammaruri

01 Sep 2016

Mogolwane mo lephateng la banana metshameko le ngwao kwa Selebi Phikwe Rre Mbikanyi Magina o gwetlhile bagolo go ruta banana ngwao jaaka metshameko ya setso, meopelo, mmino le dijo tsa Setswana.

Rre Magina o buile se kwa moletlong wa letlhafula  oo neng o rulagantswe ke ba otele ya Cresta Bosele le ba ofisi ya banana mo Selebi Phikwe ka matlhatso.

Rre Magina are batsadi ba tshwanetse go kwala dintlha tse di botlhokwa tse di amang ngwao tsa merafe ya bone gore dikokomane di ithute mo go tsone.

Rre Magina o tsweletse a tlhalosa fa ngwao e le yone e kgontshitseng lefatshe la Botswana gore e re mo nakong ya gompieno le bo le tshwere ka thata go ipaakanyetsa go keteka moletlo wa dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa go sena dintwa le go kubetsana ga sepolotiki.

A re botho, go tlotlana le setswana se se reng mafoko a kgotla a mantle otlhe di tshwanetse go tswelela di tshegeditswe le go tlhatlhelelwa mo bananeng ba gompieno.

Rre Magina a re batsadi ba santse bana le tiro e ntsi ya go ngokela bana mo ditirong tsa morafe jaaka go tsena diphuthego tsa dikgotla kana bokopano jwa go keteka moletlo wa ngwao a tlhalosa fa dipalo tsa banana ba ba tsenang mediro ya go nna jalo di sa kgotsofatse.

Rre Magina a re ele ba ofisi ya banana metshameko le ngwao ba ikemiseditse go bereka le setshaba gongwe le gongwe mo meletlong e e rulagantsweng go supa ngwao ka ele maitlamo a bone go rotloetsa banana go tshegetsa le go itlhamela mebereko ka ditiro tsa diatla, a re ba setse ba alositse bana ba le bantsi ba ba setseng bana le dikgwebo tse di itshetletseng.

One a fa sekai ka ditlhopha tsa mmino wa Setswana di tshwana le Kala tsa Kgale le Diwetse Cultural Group a re di beile toropo ya Selebi Phikwe mo mmepeng wa Botswana ka di itshupile di na le talente.

Moletlo wa go ipelela letlhafula o sale o simologile ka ngwaga wa 2011 o ntse o ketekwa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao. Rre Magina a re maikaelelo a moletlo ke go itshekatsheka go bona tse di saletseng kwa morago go re ba kgone go tlokafatsa go ya pele.

Ba otele ya Bosele ba tlhalositse fa ba tsweledisa dipaakanyo tse di saleng di simologile go baakanyetsa letsatsi la go ipelela boipuso jwa ngwaga tse di masome a matlhano lefatshe le ipusa.

Moletlo o ne o tsenwe ke bagolo ba motse ba akaretsa mothusa ratoropo Rre Molefhi Pilane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo wa letlhafula

Date : 01 Sep 2016