Kwadisang matsalo a bana
01 Sep 2016
Tona wa pereko le selegae Rre Edwin Batshu o rotloeditse banni ba Kaqcae mo kgaolong ya Ghanzi go kwadisetsa bana ditlankana tsa matsalo.
Tona Batshu o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Kaqcae Phatwe a le masome mabedi le borobabongwe.
Rre Batshu a re go kwadisetsa bana ditlankana tsa matsalo go thusa puso go baakanyetsa ditogamano ka jaana dipalo di supa gore ditlhabololo ditlhokega kae e bile ele ditlhabololo tsa mofuta ofe.
A re dipalo tse puso e di tsaang mo ikwadisong ya matsalo a bana e thusa puso go itse gore go tlhokega dikokelo di le kae le gore go ka agwa dikole di le kae go baakanyediwa bone bana ba ba tshotsweng.
Rre Batshu o ne a gakolola banni gape go supa batsadi ba bana botlhe mo ditlankaneng tsa bana le fa batsadi ba sa nyalana.
A re molao wa bana o pateletsa gore maina a batsadi ba ngwana botlhe a tsenngwe mo setlankaneng.
O gakolotse banni gape go kwadisetsa bana ba ba dingwaga di lesome le borataro Omang; a re ba tshwanetse go kwadisetsa bana Omang malatsi a le masome mararo go tswa mo letsatsing la matsalo a lesome le borataro.
Tona Batshu a re gokwadisetsa ngwana Omang go ka mo letla ebile gamo fa le sebaka le monyetla wa go akola ditirelo le mananeo a puso.
O ne a gakolola banni gore go tlhoka go kwadisetsa bana Omang ka nako ke molato o motsadi a ka o otlhaelwang.
Mme o ne a gakolola gape gore le baba tlogetseng lefatshe le ba tshwanetse ba kwadisiwa malatsi a le masome mararo morago ga loso.
A re seo se thusa puso go itse gore dintsho di bakwa ke eng mo lefatsheng mme ka jalo puso e kgone go ipaakanyetsa seemo le gone go ka thusa go fedisa kana go thibela se se bakang dintsho tse dintseng jalo.
E rile fa bamo kgwa dikgaba, banni ba ikuela mo go tona ka tiego ya ditlankana fa ba sena go di kwadisa kwa diofising tsa Omang le Matsalo.
Rre Moffat Saidoo o ne a re ba iteka ele banni ba Kaqcae mme go nna le tiego e ntsi go tswa ka fa diofising tsa ba Omang le matsalo.
O ne a tlhalosetsa tona gore o sale a kwadiseditse ngwana setlankana sa matsalo mme nako ke eno o santse a letile.
Rre Batshu o ne a tlhalosa gore tiego e nngwe segolo bogolo ya Omang e bakwa ke banni ba ba sa bueng nnete fa ba kwadisetsa bana Omang le one matsalo a bana.
A re bangwe ba kwadisa bana ele ba bone mme bonnete ele bana ba ba ba tlhokometseng kana ele ba masika.
Tona a re go tlwaelesegile gore fa motsadi a tlhokomela ngwana ka Setswana o ka mo tsaa jaaka wa gagwe, mme a re fa go tla ka fa molaong ba tshwanetse ba bue nnete gore batle ba thusiwe ka fa tsamaisong.
Tona Batshu o tlhalositse gore dipalo di supa gore Batswana ba feta sedikadike ba ikwadiseditse Omang, mme a re mo dipalong tse bo rre ba ikwadisitse ba feta 700 000 fa bo mme ba ikwadisitse ba feta 800 000. O ne gape a re ditlankana tsa ba ba tlhokafetseng di feta 315 000.
Mo dipalong tse, Tona Batshu a re go supa gore borre ba swa ka dipalo tse dintsi tse di fetang 170 000 fa bomme bone dipalo tsa bone di feta 130 000.
A re go supagetse fa borre ba tshaba go itekodisa ba bongaka mme ka jalo ba swa ka dipalo tse di kwa godimo ntswa bomme ba le palo ntsi mo lefatsheng la Botswana.
Tona o ne a kgothatsa banni go itekodisa ba bongaka go fokotsa dintsho, a re puso e eletsa gore banni ba Botswana ba oketsege ka jaana ba dipalo dinnye go le gale. Ka jalo a re dintsho tse dingwe ke tse di ka thibelwang nako ele teng fela fa batho ba itekodisa ba bongaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : KAQCAE
Event :
Date : 01 Sep 2016






