Breaking News

Popagano e tsisa katlego

01 Sep 2016

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Solomon Cornelius o kopile makhanselara a kgaolo eo go dirisana  sentle le go  bereka  ba le seopo sengwe.

Rre Cornelius o ntshitse kopo eo fa a bula phuthego ya boraro ya khansele-potlana ya Boteti ka Mosupologo kwa Letlhakane.

A re ba tshwanetse ba ithotloetsa ba oketsa ka ba fa dirang tiro ya bone ka teng gore e nne babereki ba tlhwatlhwa.

A re go bereka  ba bopagane  go ka dira gore ba atlege  mo tirong ya bone le fa ba na le dikgwetlho.

Rre Cornelius a re o na le tsholofelo ya gore kgaolo-potlana ya Boteti e ka dira botoka.

Rre Cornelius o ne a tlhalosetsa phuthego ya khansele ka mananeo a ba a kgonneng le dikgwetlho tse ba nang le tsone mo kgaolong, a tlhalosa fa kgaolo e ne ya ipelela malatsi a le masome a matlhano pele ga boipuso.

O ne gape a  ba gwetlha gore ba apare mebala ya lefatshe leno ga mmogo le gore ba amogele letsatsi  la boipuso jo bo kgethegileng.

O tsweletse a tlhalosa gore ka lenaneo la Adopt a School, kgaolo ya Boteti e tsweletse ka go akola dithuso go tswa ko dikhampane ka go farologana.

Rre Cornelius o ne gape a re mo maitekong  a go tlhabolola thuto ya lefatshe leno kgaolo ya Legare e itlamile go tshwara kabo dietsele ya lekwalo la bosupa (PSLE) mo kgaolong.

O bile a ba tlhalosetsa  gore sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Boteti  Brigade  jaanong se tlaa  akaretsa dithuto tsa  Certificate Level  mo dithutong tsotlhe  tse  ba nang le tsone.

A re kgaolo ya Boteti e tsweletse ka go itemogela dikgwetlho tsa dipetelelo tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro. Are go dirilwe dithutopuisano tsa  bana ba masiela le batlhokomedi ba bone le banaleseabe ka kakaretso, e le tsela nngwe ya go tsibosa setshaba ka dikgang tseo.  

Rre Cornelius o tlhalositse fa khansele e rutuntshitse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka maikaelelo a go ba fa  kitso ka seabe sa komiti e e mo ditlhabololong tsa metse ya bone  .

O ne gape a re lenaneo la go agela batlhoki matlo le simolotse mo kgaolong  a re palo yotlhe ya matlo ke masome a mane le boraro fa a le masome a mabedi le bosupa a tlaa agiwa kwa metseng  e e kgakala le ditlamelo, a le lesome  le borataro  a tlaa agiwa kwa metseng e mengwe.

One a kgothatsa banaleseabe go tswelela  ba thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka gore  bonno ke selo se se botlhokwa   e bile puso ka nosi  ga e kake ya kgona.

Rre Cornelius o ne a leboga dikhampane tse di setseng di thusitse ka go agela batlhoki matlo mo kgaolong ya Boteti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya khansele ya kgaolo-potlana

Date : 01 Sep 2016