Ipelegeng e tlodisa melatswana
31 Aug 2016
Lenaneo la ipelegeng mo kgaolong potlana ya Boteti le tla dira ditiro di le masome a robabobedi le bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17.
Mogokaganyi wa lenaneo le wa kgaolo potlanang ya Boteti Rre Solomon Nkanokang o tlhaloseditse se phuthego ya khansele kwa Letlhakane bosheng .
O boletse gore manaeo aa akaretsa a le borobabedi dipaakanyo tsa dikago tsa puso,ale borobabedi a go kgaolwa ga ditlhare mo thoko ga tse ,ale matlhano a dikago tse di botlana,golaolwa ga go gasagasiwa ga matlakala le go selwa ga matlakala mo motse ele lesome le borobabobedi,go tsosiwa ga terata mo motseng o le mongwefela le go epiwa ga matamo mo metseng e le mebedi .
Rre Nkanokang a re batho bale 9 688 ba setse ba akotse lenaneo la ipelegeng fa e sale ngwaga wa madi wa 2016/17 o simologa a supa fa mo go bone bale 6 377 ele bomme ,borre bale 3 311 mo go bone bale 5 266 ke banana.
A tlhaloosa gore selekanyo sa phiro ya lenaneo la ipelegeng ke 2422 ka kgwedi.O ne gape a re ba hirile batho bale 439 ba lenaneo la Green Scorpion mo go bone bale 344 ke bomme ,borre bale 95 fabanana bale 231.
Rre Nkanokang a re dikgwetlo tse ba di itemogelang ke tshologelo ya batho ba ba batlang go tsenelela lenaneo la ipelegeng mo go dirang gore go nne le mola o moleele .
Are bontsi jo bo dira gore batho ba bone sebaka gangwefela kana gabedi mo ngwageng.
A re ba tla kopa lephata gore le oketse dipalo tsa babereki ba ipelegeng,fa ka kgang ya dipalamo a re batla tswelela ba kopa mo maphateng a mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 31 Aug 2016






