Breaking News

A batsadi ba tseye boikarabelo

01 Sep 2016

Kgosi Olebogeng Mojuta wa Kgotla ya Botshabelo mo Selebi Phikwe o kgotlhaditse batsadi ba Botshabelo go itlhaopela bana ba ba sa boneng tlhokomelo ya ba masika a  bone.

Kgosi Mojuta o buile seo mo phuthegong e e neng  e rulagantswe ke ba UNICEF ba tshwaragane le ba lephata la dikgaolo le thabololo magae mo letsholong la  go gwetlha  batsadi go nna metsotso ee masome a matlhano le bana ba bone.

Kgosi Mojuta a re ditiragalo tsa go dirisa bana botlhaswa le go itlhokomolosa tlhokomelo ya bone ga di ba bontshe boroko mme a kopa batsadi go ikitaa ka thupa go tlhokomela bana.

Molomaganya mananeo a tlhokomelo ya bana mo khanseleng ya Selebi Phikwe Mme Nametso Masale a re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itse batsadi ba gagwe le go amogela lorato go tswa mo batsading ka bobedi.

Mme Masale o tsweleletse a tlhalosa fa ba itemogetse diemo tse bana ba le bantsi ba tlhaelang dikotla mo mmeleng ka jalo  puso e na le lenaneo  la go tlhokomela bana ba go nna jalo sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba le boitseme go isa bana go ya go tsaa ditlamelo.

Mme Masale a re bangwe ba bana bao e a re ba sena go fiwa ditlamelo tseo ba tokafale mme morago ba boele mo seemong se ba neng ba le mo go sone pele, a re seo se supa gore tlhokomelo ea tlhaela ko malwapeng.

Mongwe wa leloko go tswa kwa lekgotleng la UNICEF mo Botswana Mme Lilian Mocuminyane o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsholo la metsotso e masome a matlhano e le nngwe tsela ya go fedisa dikgang tsa go itlhokomolosa bana,a re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go ipha metsotso e le masome a matlhano go fa bana lorato,go ba ruta ditiro tsa Setswana,a re seo ke sone se se ka dirang botsalano magareng ga motsadi le ngwana.

Mme Mocuminyane a re jaaka Batswana ba ipaakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano Lefatshe le ntse le ipusa ba seka ba tlogela bana kwa morago.

A re bana ba tshwanetse go nna karolo mo go direleng lefatshe la bone seo e le tsela ya go ba betlela bokamoso go re ba tsee boikarabelo ba santse ba le ba botlana.

Mme Mocuminyane are  batsadi ba tshwanetse go boela mo setswaneng sa go itse gore ngwana ga se wa mo lwapeng fela mme ba tshwanetse go thusa le ba malwapa a mangwe.

E rile a leboga mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molefhi Pilane a re Batswana segolo jang banana ba na le tumelo ya gore fa go senang ngwana gone ga gona lorato,a re ngwana o tshwanetse go tsholwa botsadi bo ipaakantse e seng jalo malwapa a tla tlala ka bana ba ba senang  tlhokomelo.

Rre Pilane o kgothaditse borre go tsaa karolo mo tlhokomelong ya bana mme a ba rotloetsa gore tsatsi le letsatsi ba tsee metsotso e masome a matlhano  go nna le bone go ba bontsha bothitho jwa lorato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2016