Balete ba gorosa Mabopatshaba
30 Aug 2016
E rile ka Matlhatso ga bo go utlwala go gelebetlega ga megolokwane, lenaka le dikoma fa Balete ba amogela mophato go tswa bogwera kwa Ramotswa.
Mophato o, ke wa boraro fa e sale Balete ba tsaya tshwetso ya go tsosolosa ngwao ya go rupa ka 2012, mme go setse go alogile mephato ya Matsosangwao le Madisamotse
Fa a ema morafe le dialogane ka lefoko, Kgosi Mosadi wa Balete o ne a kaya fa go le botlhokwa gore go bopiwe setshaba se se lerato, se se kgathalelanang ebile se dira ka bojotlhe go itokafatsa.
Ka jalo a kaya fa mophato o tlaa bidiwa Mabopatshaba ka jaana ba fiwa boikarabelo jwa go bopa setshaba. Kgosi Mosadi o ne a kaya fa mophato o mosha, o tlaa tshwanelwa ke go bereka le mephato e mengwe go diragatsa thomo ya go bopa setshaba.
O ne a kaya fa mophato o weditse dithuto tsa one mme e bile dialogane tsotlhe di kgonne go aloga kwa ntle ga mathata ape.
Kgosi o ne a kaya fa mophato wa ngwaga eno, o ne o tsenwe ke bangwe go tswa Maun, Bokaa, Mmankgodi le Afrika Borwa
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Malope II wa Bangwaketse, o ne a tlhalosa fa tshwaragano ya morafe e le konokono ka e bile lefatshe leno le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa.
A re jaaka lefatshe leno le ipela, le tshegeditse setlhogo se se reng, tshaba e e bopaganeng e a ipela ka jalo se tsamaelana le leina le thomo ya mophato.
O ne a kaya fa mephato e e fetileng e ne ya newa thomo, mme ya e diragatsa ka jalo a gwetlha Mabopatshaba go diragatsa thomo ya bone.
Kgosi Malope II wa Bangwaketse o ne a kopa mophato go itebaganya le boitshwaro, a bo a supa fa go tlhokega gore bana ba rutwe botho.
Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore setshaba se tshwaragane, a bo a tlhalosa fa magosi a neilwe thata ya go tlhokomela le go babalela morafe, le go rulaganya tsa ngwao.
O ne a tswelela ka go re magosi a na le dithata tsaa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tsa bone, ka jalo a re go botlhokwa go tshwaragana le go tlotla dithata tsa magosi go bopa setshaba.
Borre ba le 122 ba ne ba aloga ko bogwera ka Matlhatso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Kamogelo ya mophato
Date : 30 Aug 2016






