Dikotsi di gapile matshelo a le 294
30 Aug 2016
Batho ba le makgolo a le mabedi le masome a ferangbongwe le bone ba latlhegetswe ke matshelo mo dikotsing tsa dikoloi fa e sale ngwaga ono o simologa.
Se se boletswe ke mookamedi wa sepodisi sa pharakano Rre Katlholo Mosimanegape kwa tshimolodisong ya go fema dikotsi tsa tsela mo tseleng ya A1 kwa Dibete bosheng.
Rre Mosimanegape a re dipalo tse di kwa godimo fela thata fa go tshwantshanngwa le tsa ngwaga o o fetileng tsa makgolo a mabedi le masome a matlhano le bobedi.
O ne a tlhalosa gore dipalo tse di kwa godimo fela thata ntswa ngwaga o ise o bo o fele, a re se ke matlhotlhapelo e le ruri.
A re setshaba ka kakaretso se tshwanetse go ema ka dinao, a tlhalosa gore ga go mo maruding a bakgweetsi fela mme go mo go mongwe le mongwe ebong barui le batsamaya ka dinao ka botlhe ba dirisa tsela.
O ne a tlhalosa gore dikotsi tse dingwe ka bontsi di bakiwa ke loruo lo lo sailang mo ditseleng, mme a kopa barui go tlhokomela diruiwa tsa bone go tsamaela kgakala le tsela ya dikoloi.
Rre Mosimanegape a re e le ba sepodisi sa Botswana ba lemogile fa dikotsi ka bontsi gape di diragala mo tseleng ya A1 ka e le yone e e nang le dibase, diteraka le dikoloi tse dintsi.
A re diteraka tse dintsi tse, fa gongwe di dira terena mo ditseleng mme di bake gore bakgweetsi bangwe ba fele pelo go batla go di feta mme ba bake dikotsi.
O ne a tlhalosa gape gore tsela ya A1 e tswa kwa Ramatlabama mme e felela kwa Ramokgwebana ka jalo matshelo a matsi a latlhega thata mo go yone bogolo jang mo tseleng ya Dibete/Lechana.
A re ke ka moo ba boneng go le botoka go ikopanya le ba lephata la ditsela go leka go tsibosa botlhe ba ba amegang ka dikotsi le matshelo a a latlhegang.
O ne a kopa gape le dikoloi tse di kgweediwang ke bagolo go leka go ela tlhoko gore a ga ba bake mosuke mo ditseleng ba gantsi ba tsamayang ka bonya, a ba rotloetsa go nna ba fapoga fa ba bona ba kgoreletsa mesepele ya bao ba ba itlhaganetseng.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Lekgatlhanye Mabua o ne a tlhalosa gore e le ba metse ya Dibete, Palaroad le Artesia ba ne ba ikopanya go bona gore ba ka dira eng go leka go tsibosa setshaba ka dikotsi tse di diragalang mo metseng ya bone mme ba tswa ka lenaneo le.
Kgosi Mabua a re dikotsi ga di ame fela matshelo a batho mme le itsholelo ya lefatshe e a amega ka bajanala ba tlaa tshaba go tla mo lefatsheng leno ba tshaba seemo sa dikotsi tsa tsela.
O ne a a tlhalosa gore dikotsi tse di ama batho botlhe, mme a kopa barui go ema ka dinao go tlhokomela diruiwa tsa bone.
A re tsela ya A1 e tletse leruo fela le le bakang dikotsi mo ditseleng, ga mmogo le batsamaya ka dinao ba ba sa eleng tlhoko melao ya tsela. ENDS
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 30 Aug 2016






