Breaking News

Dipatlisiso ka tiriso ya ditlhare tsa setso di tsweletse

30 Aug 2016

Mmadikole o tsweletse ka dipatlisiso tse di remeletseng mo tirisong ya ditlhare tsa setso le bongaka jwa setso, go itebagantswe le tswantsho mogare wa HIV/AIDS o o apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba.

Dipatlisiso tseo di tshwaraganetswe ke Botswana, Aferika Borwa le Zimbabwe.

E rile a bua kwa Moiyabana mo kgaolong ya Serowe Borwa, kwa kabong dimpho ya Diepamere Dingaka Society, Professor Keitseope Nthomang, mogokaganyi wa dingaka tsa setso go tswa kwa Mmadikole (University of Botswana) a supa fa e le mogakolodi wa dingaka tsa setso, a tlhalosa fa maduo mangwe a dipatlisiso a supile fa maAfrica a dumela thata mo bongakeng ja setso le baporofiti.

Professor Nthomang a re ba ne ba kopana le ba botsogo go buisana ka mogare wa HIV/AIDS go lebeletswe tiriso ya bongaka ja setso, a re le mo nakong eno dipuisano le morero di tsweletse. 

Mme a supa fa dipatlisiso tse di tsweletseng di itemogela kitso le bongaka ja setso jo bo simileng e bile bo ka itshetlela mo go ntsheng ditlhare tse di ka thusanang le dipilisi tsa mogare wa HIV/AIDS a re seo fa se ka tlhalosega sentle se ka thusa go fokoletsa puso ditshenyegelo tsa theko ya dipilisi.

O ne a re lefatshe leno le na le baitseanape ba seemo se se kwa godimo fela thata, a re seo se tlhoka fela gore go somarelwe ditsa setso. O ne a akgola thata ba Diepamere a re ba sale ba tswetse kwa ntle go itshwaraganya le ba dipatlisiso go thusa ka dikitso tse ba nang le tsone, mme a gwetlha makgotla a mangwe a dingaka tsa setso go tswela kwa ntle go tshwaraganela kgang e le bone, a supa fa bongaka ja setso bo tswa goolowe, bo fitlhwelwa ke ja sekgowa bo ntse bo le teng.

O ne a supa fa dipatlisiso di setse di diretswe pampiri ya kanamiso (journal) e ba kgobokanyatseng tse ba di boneng mo go yone, mme a tlhalosa fa go tshwerwe go sekaseka motswako mongwe wa setso go tswa kwa Maung mo ngakeng nngwe ya setso.

O ne a re go ya go tsaya sebaka se se leele go bona molemo wa bolwetse ja HIV/AIDS, mme a supa fa go na le tsholefelo fela jaaka mo nakong eno go bonwe molemo wa Malaria morago ga dingwaga ngwaga bolwetse joo bo apesitse mafatshe kobo ka letshoba, fela jalo le molemo wa HIV/AIDS nako e nngwe o tlaa bonwa.

O ile a buwa ka ditlhare a re dipilisi tse di nowang tse di tswa mo ditlharing,  sengaparile  ke molemo wa popota o ebileng mafatshe mangwe a  dirile dipilisi e bile ba se tsenya ka mabokoso go se rekisa.

Fa a itebaganya le kabo dimpho ya dikobo tse di neng di abelwa ba kgaolo ya Mothamo, go akerediwa dikole tse dikgolwane di le pedi le tse dipotlana di le thataro le banalebogole, o ne a supa fa ba le lesego fela thata go bona ba Diepamere ba ba gakologetswe, mme a supa fa lefatshe leno le segofaditswe ka tshaba e e nang le mowa wa go aba.

 O ne gape a galaletsa puso ya lefatshe leno a re e na le mowa o montle wa go thusa batho ba one ka tsotlhe go ba inola mo lehumeng, mme a rotloetsa batho go ikemela ka dinao le bone go ithusa  go na le go baya fela mo pusong.

O ne a rotloetsa bana ba ba neng ba bona dimpho go di somarela, le gore fa ba amogela ba ithute sengwe sa gore le bone ka moso fa botshelo bo ba atlile ba abele ba bangwe. 

A re lefatshe leno le ipelafatsa ka go nna tshaba e e tshwaraganeng ebile e ipelafatsa, mme a re letsatsi leo le tsamaelana le ba mokgatlho o o tsamayang o supa fa o kgathala ka matshelo a Batswana. 

E ne erile go le pele mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Mokopakgomo Kgiomokwanaya wa Moiayabana a supa fa tiro e, e le bontlha bongwe ja ditirelo tsa boipuso, a re e bile ke ditso go lemoga fa ba dingaka tsa setso ba Diepamere ba bone le bone go tshwanela go tla go kopanela le morafe wa gagwe kwa kgotleng go ba abela.

 A re bone ba itse dingaka e le batho fela ba ba tsayang madi mo bathong ka go ba thusa eseng go kopanela le bone sepe sa setshaba, mme a tlhalosa fa go kwadilwe le mo bukeng e e boitshepo gore bongaka ja setso le Modimo o a bo letlelela gore bo ka thusa batho.

Mongwe wa maloko a Diepamere, Rre Perterson Nthobatsang o ne a tlhalosa fa lekgotla la bone le tswa kwa go bo 1992, le kwadisitswe ka fa molaong, mme a re go le gantsi dingaka ka setso di bidiwa baloi, ka di dirisa melemo e e tswang mo ditlhareng e batho bone ba e dirisetsang tse di sa lebanang jaaka go bolaya, eseng dingaka, a re bone e le dingaka ba a alafa fa ga ba bolaye.

O ne a re ga se  lantlha ba aba, monongwaga ba ne ba abela bana ba SOS kwa Serowe, gampieno ba abela ba kgaolo ya Mothamo, a re ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone ga ba a kopa sepe gope, mme a re ba ne ba ikanapa go thusa bana ba ba tlhokang thuso ya bone. 

Go ne ga abelwa bana ba le bararo go tswa kwa sekoleng sengwe le sengwe kobo le go kopanela le bone dijo tsa motshegare.

Fa ba leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Phirinyane Orakanye le mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moiyabana mo boemong ja ba dikole, Mme Matlhogonolo Gaamangwe ba ne ba supa boitiumelo, mme ba kopa Modimo go okeletse ba Diepamere gore ka moso ba dire go le gontsi le go leba dikgaolo tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOIYABANA

Event : Dipatlisiso

Date : 30 Aug 2016