Kgosi Tsiane o rolela Tautona hutshe
30 Aug 2016
Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane, o boletse fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, a supile fa e le moeteledipele yo o segofaditsweng ke Modimo ka a dira ditiro tse di thusang setshaba.
Kgosi Tsiane o buile se fa a amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa gagwe ka Labotlhano.
O supile fa a dumela gore tshegofatso e e mo lafatsheng leno e le ya Modimo, a bo a supa fa e le nako ya gore ba ba ntseng ba sa bone lesedi le le phatsimang mo lefatsheng leno, e le nako ya gore ba le bone.
Fa a tlhalosa ka ditso tsa motse wa Takatokwane Rre Marama Tsele o ne a supa fa batho ba motse oo ba ne ba phatlalala go tswa kwa Molepolole, ba ya kwa motseng wa Salajwe, morago ga moo ba ya go thibelela kwa godimo ga letsha le le kwa motseng wa Takatokwane, o tlhalositse fa e ne le batho boora Kgabo, Tsele le boora Tsiane.
O tlhalositse fa leina la Takatokwane le tswa mo letsheng leo, fa ba ne ba re ke Taka-thokwana ba raya gore mmu wa letsha leo o morokwa, ke ka moo ga felela gotwe ke Takatokwane.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a supa fa molaetsa o mogolo e le o o tswanag kwa go Tautona, a supa fa batho botlhe ba tshwanetse go rotloetsega go bopagana.
Mme Marashia Tsiane, o ne a supa fa tautona wa pele Sir Seretse Khama, a ne a feta a robala mo setlhareng sengwe ka 1972,gaufi le fa go agilweng teng kokelo, fa a ne a tsamaya le lefatshe lotlhe la Botswana a leboga Batswana a sena go tsaya puso.
Mafelo a mangwe a ditso e ne e le sekole sa brigade, sekole sa Mahupu, le matlotla a batho ba ntlha go thibelela kwa motseng oo. Kwa motseng wa Dutlwe gone, kgosana Rre Douglass Segwagwa o ne a supa fa motse oo o ne o bidiwa Luzwe.
O supile fa batho ba ntlha go thibelela foo ba ne ba nna gaufi le letsha mme ba sa itse, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba bona motlhala wa phiri mme o lebega o le bokgola.
O boletse fa ba ne ba dumalana le mongwe go mo tshasa mafura a mmantshe, ba bo ba mo funela mo letloeng a tsere thipa ba ya go mmaya mo motlhaleng wa phiri, o supile fa erile phiri a bona letloa leo a bo a le sikara ka a ne a utlwa go nkga mafura, a bo a feta a le baya fa thoko ga metsi a a nwa, a supa gore yo o neng a phuthetswe mo letloeng leo a ne a le gagola ka thipa a bo a kua mme phiri a siya, ke ka moo a neng a bona metsi ao kwa a teng mme a ya go itsise ba gagabo a tla a geletse metsi ao ka sekgapha sa lee la mmantshe, a bo a feta a ba raya a re ‘Tshola le uzwe’ a raya gore tsaya le utlwe metsi a a monate, ke ka moo ba neng ba fudugela fa letsheng leo mme ba le bitsa Luzwe, kwa morago bagwebi ba ba neng ba palelwa ke go bitsa leina leo ba bo ba fetola ba re ke Dutlwe.
Kwa motseng wa Tshwaane gone, Kgosi Othusitse Sengawane o supile gore pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso lefelo leo e ne e le masimo, a supa fa ba ne ba nna mo go lone fa ba lemile mme morago ba boele kwa motseng wa Dutlwe.
O supile fa go ne go sena metsi ba ne ba tshela ka kgengwe, mme morago ba ne ba a nwa metsi kwa motseng wa Motokwe go sena go phunngwa sediba teng ka ngwaga wa 1958.
O supile fa Tshwaane go tewa letsha le le leng mo motseng wa bone le le neng le oka diphologolo. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE-
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 30 Aug 2016






